Pineapplefish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Pineapplefish

Leina la Matshamekwane

Pineconefish, Burrfish

Leina la Maranyane

Monocentridae

Semeto

E ka nna 30 cm, fa bontsi bo ka nna 17 cm.

Ponalo

Mmele o sephahathi ka sebopego sa kgolokwe le makwapa a a thata o ka re di-plata a a bediwang di-scutes. Megatla ya letheka e na le mmitlwa o le mongwe o o ka dirisetswang go iphemela. E na le mmala wa lephutshe kgotsa wa namune mo di-scutes tsa yone.

Dikitsiso

Lelapa la Monocentridae le na le mephato e le 2 le dibopiwa dile 4. E na le serwe sa Bioluminescent kwa matlhakoreng a motlhagare wa kwa tlase o o bidiwang photophore, mme dirwe tse di mmala wa orange motshegare, blue-green bosigo.
E dirisetswa go gogela setlhabelo kwa go yone. E ka fitlhelwa ka fa tlase ga mafika a lewatle, mo magageng, kgotsa di kopane ka lekoko mo mafikeng a lwatle. Di nna matlhagatlhaga bosigo. Di tsala ka go tshela mae a tsone mo metsing.

Dijo

E fepa ka zooplankton, jaaka di-crustaceans tse dinnyane.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote a Indo-Pacific.