Phetolo Maungo Afrika Borwa

Balemi ba maungo ba ka tsenya boleng go maungo a bona ka motseletsele wa diphetolo. Maungo a ka omiswa, a tsenngwa mo motemeng, a dirwa dijeme, a silwa, a apeswa sukiri kgotsa a dirwa matute. Phetolo e ka diragala mo polaseng, jaaka go le jalo ka bontsi jwa maungo a a omisitsweng, kgotsa gautshwane le polase, jaaka go le jalo ka maungo a bobolokelwa-motemeng. 

Go na le kakanyo e e fosagetseng ya gore ke fela maungo a a sa siamelang mmaraka o o foreshe a a phetolwang. Le fa bontsi jwa maungo a boleng jo bo kwa tlasenyana bo ka feleletsa bo le kwa mmarakeng wa dinomatute kgotsa go silwa go dira maungo-kgolokwe, maungo a a sitsweng a a beelwang thoko go ka diriswa mo mmarakeng wa dijo tsa masea gantsi ke a boleng jo bo manontlhotlho. Dilekanyetso-boleng tsa mmaraka wa bobolokela-motemeng le wa komiso le tsona di kwa godimo mo temeng ya boleng le bogolo jwa maungo. 

Le fa mefuta-pedi e le teng mme bontsi jwa maungo a a sa faloleng selekanyetso-boleng mo mmarakeng o o foreshe a phetolwa, mefuta ele mentsi e tlhametswe segolobogolo ditiriso tse di rileng, tse di jaaka bobolokela-motemeng kgotsa komiso.

Translated by Nchema Rapoo