Phepô ya Difepi tse di Loileng go Dikgomo tsa Mašwi

© Rykie Visser Agrinet/Gibson Supplies

Go oketsa ntshô ya mašwi, motswako wa tlaleletso wa sefepi se se loileng o a fepiwa, gantsi ka nako e go gamiwang ka yona. Setlaleletsi se se loileng se fepiwa ka bosona go dikgomo. Bontsi jo bo fepiwang kgomo bo ikaega ka lotsopa lwa yona, ntshô ya yona ya mašwi kgotsa legato la ntshô-mašwi.
Difepi tse di loileng di ka fepiwa goya ka thulaganyo ya phepô ya seêlô se se tsepameng kgotsa ya seêlô sa dikgatô. Thulaganyo ya phepô ya seêlô se se tsepameng e fepa seêlô se le nosi tsatsi ka tsatsi go tloga ka tsalô go fitlha kwa bofelong jwa paka ya ntshô-mašwi. Sekai, kgomo ya Holstein e tlile go tlhoka 9 kg/tsatsi ka motsi wa paka.
Thulaganyo ya phepô ya seêlô sa dikgatô e tlile go fepa dielô tse di farologaneng tsa sefepi mo magatong a a farologaneng a ntshô-mašwi. Sekai, 12kg/tsatsi go tloga ka tsalô go fitlha mo malatsing ale 100 a mašwi (DIM), mme e nne 9kg/tsatsi go tloga ka 101-200 DIM le 6 kg/tsatsi go tloga ka 201 DIM go fitlha ka komelelô.
Dielô tse di tshwanang tsa difepi tse di loileng di ka fepiwa dikgomo tse di fepiwang difepi tse di farologaneng; fela, protein le maatla tse di leng mo difeping tse di loileng di tlile go farologana. Sekai, difepi tse di loileng tse di fepiwang dikgomo tse di leng mo mafulong di tlile go neelana ka maatla le diminerale, fa difepi tse di loileng tse di neelwang dikgomo tse di jang furu ya korong di tshwanetse go nna le protein ya seêlô se se ka nnang 19%.
Le fa go fepiwa sefepi sa boleng jo bo kwa godimo le seêlô se se kwa godimo sa sefepi se se loileng sa 12 kg/tsatsi mo tshimologong ya ntshô-mašwi, tsêô ya maatla gantsi ga e a lekana. Seno se ka isa kwa goreng dikgomo di dirise polokelo tsa tsona tsa mmele (mafura) go tlhagisa mašwi mme go ka baka gore di latlhegelwe ke mmele.
Mo bogareng jwa paka ya ntshô-mašwi (101-200 DIM) ntshô ya mašwi le boemo jwa mmele jwa dikgomo di tshwanetse go ka tlhokomelwa. Kwa botharing jwa paka ya ntshô-mašwi, ntshô ya mašwi e ya tlase mme dikgomo di tsena mo tekatekanong ya maatla e ntle. Boemo jwa mmele jwa dikgomo bo tlile go tokafala, mme seno se bake gore di bontshe koketsego ya mmele. Sentle sentle, seno se kaya gore mafura a kgomo a ja madi.

Phepô ya Dikgomo tsa Mašwi tse di Omileng

Dikgomo di omelela malatsi ale 50-60 pele ga letlha le le latelang la tsalô. Paka ya komelelô (e go senang ntshô-mašwi) e botlhokwa mo itharabologelong ya disele tse di ntshang mašwi mo theleng. Dikgomo tse di omileng di fepiwa ka go kgaogana le dikgomo tse dingwe ka ntlha ya ditlhokegô tsa phepô tse di kwa tlase tsa tsona. Ga di a tshwanela go nona thata ka ge seno se le tlhwatlhwa, fela gape se ka baka matsapa a a jaaka ketosis morago ga go tsala.
Difepi tse di loileng ga di a tshwanela go fepiwa ka dielô tse di kwa godimo thata ka ge seno se oketsa ditshenyegelo tsa phepô mme gape se tsena mo ditlhakong tsa difepi tse di tlhwatlhwa-tlase. Tsibogô mo ntshông ya mašwi e fokotsega mo dielông tse di kwa godimo tsa difepi tse di loileng. Seno se kaiwa jaaka molao wa dipôelô tse di nyelelang. Sekai, go fepa 0 – 4 kg ya sefepi se se loileng go tlile go ntsha tsibogô ya mašwi ya 0.72 kg go kilogram ya sefepi se se loileng, fela go fepa 4 -8 kg ya sefepi se se loileng go tlile go isa fela go tsibogô ya koketsego ya 0.35 kg ya mašwi. Ka jalo, o seke wa fepa dielô tse di kwa godimo tsa difepi tse di loileng ka ge tsibogô ya ntshô ya mašwi e fokotsega.

Translated by Nchema Rapoo