Ntshokuno ya Garanata mo Afrika Borwa
Go feta dingwaga tse 4 000 tse di fetileng, leungo la bogolo jwa apole le le botlalo le peo e e bohibidu bo bo phatsimang e ne e e rategang mo Bogareng jwa Asia le Persia (Iran). E e bidiwang ‘apole ya peo’ (kgotsa Punica granatum ka Selatine), garanata e aname go ya botlhaba le bophirima go ralala dikgaolo tse mogote, tsa komelelo tsa kwa India, Asia e e Potlana le Lebopo la Mediterranean mme e ne ya tlhagisiwa ka Di-Amerika bareki ba Se-Spain.
E gola mo ditlhatshaneng tse dinnye kgotsa ditlhatshana tse digolo, garanata e na le letlalo le le thata la botlalo mme go ya ka mofuta wa peo e ka farologana ka mmala - go tswa go o serolwane le bohibidu go ya go o o ka nnang selaole. Arils e khibidu (‘peo’) ka fa gare e ka jewa e le foreše, e dirilwe matute kgotsa e dirilwe mme letlalong le diriswa mo melemong ya Ayurvedic le ethic.
Leungo ke motswedi o o kwa godimo wa thibela malwetsi mme oli ya peo ya granata ke motswedi o o nonneng wa esiti ya punicic (thibela malwetsi, thibela thurugo) le go dirisiwa mo ditlolo tsa tlhago le tlhokomelo ya letlalo.
Dipalopalo tsa Ntshokuno ya Digaranata mo Afrika Borwa
Ntshokuno ya digaranata mo Afrika Borwa e simolotse fela kwa tshimologong ya bo2000 mme e godile fela go feta 930 ya diheketara ka 2018. Mathata a kwa tshimologong ka sejalo se se tshwaeditsweng ke bolwetsi (patso e ntsho) se se rometsweng go tswa kwa India ka 2003 se ne sa fenywa ka 2005 itaseteri ya garanata e ne e setse e simolola go gola mo Afrika Borwa.
Ntshokuno ya garanata mo Afrika Borwa gagolo e kwa Kapa Bophirima (80%) le ka dijalo dingwe kwa tikologong ya Noka ya Mmala wa Namune, kwa Porofenseng ya Limpopo le Borwa jwa Kapa.
Ga jaana (2018) Afrika Borwa ke nngwe ya batlamedi ba bane ba bagolo mo hemisefereng ya borwa (SH) ba mebaraka ya boditšhabatšhaba. Dinaga tse di golo tsa kgaisano ke Peru (74% ya diromelwantle tsa SH), Chili (14%) le Argentina (4%).
Go tswa ka 2012 go fitlha ka 2017, thomelontle ya digaranata e oketsegile ka 141%, fela ka 2018 mo diromelwantleng go nnile le go wa go gogolo (19%). Ka 2018 ke fela mabokoso a ka nnang 1,17 yamilione (3.8 kg diyuniti) di ne tsa romelwa kwa ntle, fa gobapisiwa le dimilione di le 1,44 tsa mabokoso ka 2017. Komelelo e e kgobang marapo ka 2017/2018 kwa Kapa Bophirima e tlhodile kelotlase e e kgolo mo diromelwantleng. Le fa e le gore digaranata di rata maemo a komelelo, a bollo, kgatelelo ya metsi a fokotsa palo le bogolo jwa maungo.
Mebaraka ya thekontle e meraro e megolo ya digaranata tsa Afrika Borwa ke Yuropa, Botlhabagare le UK. Fa gare ga 2012 le 2018 thomelontle ya go ya Russia e oketsegile ka 105% fa thomelontle ya go ya Botlhabagare e oketsegile ka 455%.
Aforika Borwa e thekontle digaranata fela go tswa kwa Israel, go le gontsi e e pharologano e e ‘Molemo’. Ditumelano tsa kgwebisano di thibela nthekontle ya digaranata go tswa kwa dinageng tse di jaaka Spain le Italy fao mefuta e e kwa godimo e e ntshitsweng. Dingwe tsa mefuta e e farologaneng jaaka ’Sematla se Segolol’ le ‘Bogosi’ di setse di batlisisiwa (ka fa tlase ga laksense’ mo Afrika Borwa.
Dipalopalo tsa Packhouse tsa palogotlhe ya ntshokuno ya digaranata ya Afrika Borwa di ka mokgwa o o latelang: e ka nnang 80% e rekisitswe kwa ntle, 11% e dirisitswe mo gae mme e ka bang 9% ke tshenyo.‘Tshenyo e’ gantsi ke maungo a a phanyegileng le maungo a a nang le malwetsi, tse di sa itekanelang go dira matute. Bontsi ba maungo a ‘tshenyo’ bo dirisiwa go fepa dikgomo le dikolobe.
Thomelontle e kgolo ya dijalo tsa garanata e e mediswang mo Afrika Borwa ke Molemo (68%), Herskovitz (14%) le Acco (10%). Kessari/Baghwa ke garanata e gantsi e rekisiwang mo Aforika Borwa jaaka boleng e se bo bo siameng tota go diromelwantle.
Bontsi jwa dijalo tse di ntšhwa tsa digaranata mo Afrika Borwa ke tsa selegae kwa dikgaolong tsa Lipompo moo diheketara tse 250 - 300 di rulagantsweng go jwala ka 2019. Maungo a tswang kwa Limpopo a ka bonuwa mafelong a kgwedi ya Ferikgong, e e tla kgonang go fitlhelela dimaraka tsa Hemisefere ya Bokone pele ga maungo a tswang kwa dinageng tsa kgaisano tse di jaaka Peru. Ditlhare tsa maungo tsa digaranata tse di šwa di na le mefuta ya dijalo e mentsi ya Molemo le Acco. Kwa Kapa Bophirima, dijalo tsa ‘Angel e Khibidu’ (sejalo sa kwa Amerika) se a oketsega.
Go Jala Digaranata
Digaranata di rata maemo a bosa a kwa Mediterranean – mariga a tsididi thata le dilemo tse di mogote. E masisi mo phefo le serame. Maemo a bosa a a bollo a ka nna le seabe mo malwetseng a ngadule.
Ditlhare di tlhoka go poma le go ungwela go tswa mo go nosetswang le go tlosa maungo a mangwe go tswa mo kitlanong ya maungo ga morago ga sete ya maungo. (Sete ya maungo ke fa maunga a mašwa a simolola go nna le popego morago ga go thunya.)
Digaranata di tshwanetse go sirelediwa kgatlhanong le disenyi (false codling moth, aphids, mealybug, scale, thrips, dintana, whitefly, nematodese) le malwetse.
Dikgang tsa popego di ka akaretsa go senyega mo teng, go phatloga ga maungo, kgobalo ya serame le maungo a sa bopegang sentle.
Ditlhare tsa garanata di gola le go ungwa maungo mo dingwageng tse fetang 30. Togamaano e e lolameng, go baakanya mmu, dithulaganyo tsa go nosetsa le tlhopho ya mofutapeo di botlhokwa pele fa o tlhoma ditlhare tsa garanata. Ntshokuno ya bogwebi e tlhoka mekgwatiriso wa temothuo e e kgethegileng ya ditiriso e e dirwang ke bantshakuno ba ba nang le matswela.
Mokgatlho wa Bantshakuno ba Garanata ba Afrika Borwa (POMASA) o ne wa tlhongwa ka 2009 mme o okamela kananyo ya tshedimosetso magareng ga badimedisa garanata ba, ba dirisi, baemedi ba thekiso, mafelo a go godisa dimela le babatlisisi ba mo Afrika Borwa.
Dikgoreletsi tsa go Medisa Digaranata
Go medisa digaranata mo Afrika Borwa go ka gatelelwa ke go nna teng le boleng jwa metsi, maemo a bsoa mo dikgaolong tse dingwe le tlhokego ya bokgoni le kitso mo balemiruing ba bašwa. Go dira patlisiso e ntsi ka mekgwa e e botoka ya go laola disenyi le malwetse, mefuta e mešwa ya peo le thekenoloji e e tokafaditsweng jaaka dipoloko tse di kgethegileng tsa go phuthela le motseletsele o o anameng wa dikhemikale tse di kwadisitsweng go tla oketsa kgono ya thomelontle ya digaranata mo Afrika Borwa.
Translated by Lawrence Ndou