Nelson le Winnie Mandela Ba Etela White House

© Dr Peter Magubane
Nelson le Winnie Mandela ba goga dinao mo ditshingwaneng tsa White House le Tautona George Bush le Mohumagadi Barbara Bush.
Morago ga go gololwa kwa kgolegelong, Mandela o ne a bolola mo loetong lwa go ralala lefatshe lwa dibeke di le thataro go etela dinaga tse di farologaneng, go akaretsa United States, go keteka kgololo ya gagwe gotswa kgolegelong le go kopana le baeteledipele go arogana dikakanyo tsa sepolotiki le dintlha tsa moruo. Ene le mohumagadi wa gagwe, Winnie Mandela, ba etetse kwa Washington D.C go kopane le tautona ya nako eo George Bush le mohumagadi wa ntlha Barbara Bush kwa White House. E ne e le motlha o o botlhokwatlhokwa mme o thusitse go bopa dikamo tse di siameng magareng ga Afrika Borwa le United States.
Madiba o etetse kwa New York, Boston, Atlanta, Detroit, Los Angeles le Oakland mo loetong lwa go bonela African National Congress (ANC) thuso ya matlole mme a etela dikolo, a tsenela dikokoano le go bolola go ralala naga. Loeto lwa ga Madiba kwa United States le isitse kwa go theong e e atlegileng ya botsalano jo bo siameng mme ya bula motswedi wa tshiamo go moeteledipele yono wa Afrika Borwa.

“Nngwe ya dilo tse ke di ithutileng fa ke ne ke le mo dipuisanong ke gore go fitlha ke iphetola, ne ke sa kgona go fetola ba bangwe.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more