Nelson Mandela le Hugh Masekela le Baopedi tsa Afrika Borwa

© Dr Peter Magubane
Hugh Masekela, Letta Mbula, Caiphus Semenya, Nelson Mandela, Queeneth Ndaba, Julian Bahula, Jonas Gwanwa, Dollar Brand (Abdullah Ibrahim)
Ka dingwaga tsa tlhaolele, baopedi ba mmala ba le bantsi ba tlhagisitse mmino o o kgatlhanong le tlhaolele go tshegetsa mokgatlho wa kgololosego. Baopedi jaaka (gotswa molememg) Hugh Masekela, Letta Mbula, Caiphus Semenya, Julian Bahula, Queeneth Ndaba le Jonas Gwangwa botlhe e ne e le baopedi ba ba tumileng ka nako ya kgololo ya ga Nelson Mandela.
Rraterompeta le mokwadi Hugh Masekela o thata a le matlhagatlhaga mo ntweng kgatlhanong le tlhaolele mme a supa fa bolwela-ditshwanelo le mmino di tsamaya mmogo. O tlhagisitse pina 'Mandela (Bring Him Back Home)' mme a nna tsala e e siameng ya ga Madiba morago ga gore a gololwe gotswa kgolegelong. Mo setshwantshong seno, Mandela o tshega ka boitumelo le baopedi ba Afrika Borwa ba e neng e le karolo ya kgaratlho go bona kgololosego le go nna bagaka mo mminong wa Afrika Borwa.

“Banna le basadi, go ralala lefatshe, go ya le kwa dingwaga-kgolong tse di fetileng, baa tla mme ba tsamaye. Bangwe ga ba tlogele sepe kwa morago. Le e seng maina a bona tota.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more