Nelson Mandela le Thabo Mbeki

© Dr Peter Magubane
Mo boitumelong. Tautong e e sa tswang go tlhophiwa, Thabo Mbeki le Nelson Mandela kwa Orlando Stadium kwa Soweto.
Thabo Mvuyelwa Mbeki o belegwe ka Seetebosigo 18, 1942 kwa motsaneng o o bitswang Mbewuleni kwa Eastern Cape, o o rayang gore ‘lefelo la peo’. Ka 1956, a le dingwaga di le 14, Thabo Mbeki o ne ya nna leloko la African National Congress Youth League (ANCYL). Ka 1962, o ne a tswa mo Afrika Borwa go ya go nna kwa botshabelo. Fa a le kwa botshabelo, Mbeki o ne a ithutela economics kwa Sussex University, England, mme a fitlhelela grata ya gagwe ya Masters. Morago o ne a feleletsa ikatiso ya gagwe ya sesole kwa USSR. O ne morago a fudugela kwa Zambia go fitlhelela ka 1990 fa dikiletso kgatlhanong le ANC di emiswa. Ka 1994 o ne a golagana le Nelson Mandela mme ya nna motlatsa tautona wa Afrika Borwa.
Thabo Mbeki e ne le tautona ya Afrika Borwa ya bobedi e e tlhophilweng ka setemokrasi, a tsaya marapo gotswa go Nelson Mandela. O tlhophilwe makgetlhô a le mabedi go nna Tautona ya Afrika Borwa, ka 1999 le ka 2004. Thabo Mbeki ga jaana ke modulasetulo wa African Union (AU) High Level Implementation Panel for Sudan.
Mo setshwantshông seno, Thabo Mbeki le Madiba ba bontshwa ba itumetse jaaka ba keteka botautona jwa ga Mbeki kwa Orlando Stadium kwa Soweto, 1999. Diketekete tsa batshegetsi ba ANC di ne tsa tsenela moletlo.

“Fa fela lehuma, botlhoka-tshiamiso le go tlhoka tekatekano go tswelela mo lefatsheng, ga go mongwe wa rona yo o ka ikhutsang ka boammaruri.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more