Mandela O Rebola Molaetsa wa Bobegakgang Go Lefatshe Pele Ga Ditlhopho Tsa 1994

© Dr Peter Magubane
Mandela o neela lefatshe molaetsa wa pegokgang pele ga ditlhopho tsa 1994.
Morago ga gore Nelson Mandela a gololwe kwa kgolegelong ka 1990, o ne ka gangwe a simolola go ngokela African National Congress (ANC) batlhophi mme a tsenela dikokoanô tsa sepolotiki le ditiragalo tse kwa go tsona a kgonneng go fana ka lefoko go diketekete tsa batshegetsi ba ANC. O bolotse go ralala lefatshe mo loetong lwa kgololosego go ngokela ANC le bokamoso jo bo botoka jwa Afrika Borwa tshegetso.
Ênê le bakaulengwe ba gagwe jaaka Cyril Ramaphosa le Walter Sisulu ba ne ba ngôka tshegetso mo lobakeng lwa tekatekanô ya ditshwanelo, kgololosego le Afrika Borwa e e bolokesegileng go botlhe. Mmuso wa lekoko la National o ne wa buisana le ANC go phetogela ka kagiso gotswa tlhaoleleng go ya temokrasing, e Mandela a neng a e emeletse. Go tshwantshitswe fano Mandela a rebola molaetsa wa bobegadikgang go lefatshe pele ga ditlhopho tsa 1994.

“Re ikana go golola bagaetsho botlhe go tswa mo bokgobeng jwa lehuma, kganelo, tshotlego, kgêthololô go ya ka bong le dikgêthololô tse dingwe.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more