Madiba O Ja Marapo A Tlhogo

© Dr Peter Magubane
O ja boko jwa tlhaloganyo.
Madiba e ne le motho yo o ratwang thata le go tlhomphiwa mo Afrika Borwa mo ngwagaketeng. O ne a ratega boditšhabatšhaba mme ratwa ke bontsi ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe jwa go tima dikgotlhang tsa bosemorafe mo nageng e e neng e le gaufi le ntwa ya selegae. Nelson Mandela e ne e le monna yo o seriti yo o maitseo, yo a atlegileng go fetolela Afrika Borwa gotswa mo tlhaoleleng go ya kwa temokrasing.
Morago ga go gololwa gotswa kgolegelong ka 1990, Madiba o fane ka dipuisano-kgang tse di farologaneng mo go tsona a neng a tlhopha mafoko ka kelotlhoko mme a dula a isitse mowa tlase a iphuthile ka metlha. O ne a kaiwa fa a dumela gore fa o na le tshiamo e e kwa godimo, go botoka gore o dule fatshe mme o bue le batho go ba tlhotlheletsa mabapi le go siama ga maikaelelo a gago.
Le fa Nelson Mandela e ne e le monna wa pelo e e bonolo yo a itlhotlhileng, e ne e le moeteledipele wa segatllhamela-masisi mme o ne a isa Afrika Borwa kwa tlhabong ya kgololosego, tsholofelo le katlego. Mangwe a mafoko a gagwe a a tumileng e ne e le: “Fa o bua le monna ka puo e a e tlhaloganyang, go ya kwa tlhogong ya gagwe. Fa o bua le monna ka puo ya gagwe, go ya kwa pelong ya gagwe.”

“Fa o bua le monna ka puo e a e tlhaloganyang, go ya kwa tlhogong ya gagwe. Fa o bua le monna ka puo ya gagwe, go ya kwa pelong ya gagwe.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more