Nelson Mandela le Chris Hani

© Dr Peter Magubane
Nelson Mandela o bua le Chris Hani kwa kopanong-kgolo ya ANC kwa Durban ka 1990.
O belegwe ka di 28 Seetebosigo 1942, kwa Cofimvaba Transkei, Martin Thembisile Hani o fetotse leina la gagwe go nna Chris, ka ntlha ya go batlwa ke sepodisi jaaka molwela-kgololosego kgatlhanong le tlhaolele. Ka 1957 Chris Hani e ne ya nna leloko la African National Congress Youth League (ANCYL), mme o ne a le matlhagatlhaga kwa dikgaolong tsa Kapa Botlhaba le Bophirima pele a tswa mo Afrika Borwa jaaka motshabi ka 1962, a dula kwa Botswana le Zambia.
Ka 1973, o ne a tsena mo Afrika Borwa ka bokhukhuntshwane mme a tlhoma mophato wa gagwe kwa Lesotho. Ka 1974 e nnile leloko la NEC ya ANC. Ka ngwaga wa 1982, morago ga maiteko a le mmalwa a go mmolaya jaaka ga jaana e ne e le Tlhogo le motlatsa molaodi wa Umkhonto we Sizwe (MK), lephata le le tlhometseng la ANC, Hani o ne a tsamaya go ya kwa Lusaka, Zambia. Ka 1978, e ne ya nna Tlhogo ya Badiri ya MK mme ka 1991 Hani e ne ya nna Mokwaledi Kakaretso wa South African Communist Party (SACP). Chris Hani o ne a bolawa ka Moranang 10, 1993, kwa ntle ga legae la gagwe kwa Boksburg.
Chris Hani le Madiba ba ne ba na le botsalano jo bo leele jo bo tseneletseng jwa tirisano. Jaaka go bonwa mo setshwantshông seno, Nelson Mandela o buisana le Chris Hani kwa khonforenseng ya African National Congress (ANC) kwa Durban 1990.

“Ga go maatlametlo a a ka bonwang fa o tshameka ka bonnye – fa o ineelela botshelo jo bo kwa tlase ga jo o nang le bokgoni jwa go bo tshela.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more