
Nelson Mandela kwa Dipuisanong tsa CODESA
Zwelakhe Sisulu, Roelf Meyer, Nelson Mandela le Cyril Ramaphosa kwa dipuisanong tsa CODESA.
Nelson Mandela o begile dipuisano tsa ntlha tsa molaotheo ka di 13 Ngwanatsele 1991 tse di neng di tla tshwarelwa kwa World Trade Centre kwa Kempton Park. Seno e ne e le kopano ya ntlha ya makoko-mantsi mme e ne e bitswa Convention for a Democratic South Africa (CODESA). Mo setshwantshông seno o ka bona Zwelakhe Sisulu, Roelf Meyer, Nelson Mandela le Cyril Ramaphosa kwa dipuisanong tsa The Convention for a Democratic South Africa (CODESA).
“Karolo ya go nna le tsholofelo ke go tshola tlhogo ya gago e lebile kwa letsatsing, mme dinao di ya kwa pele.” ~ Nelson Mandela

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....
more
Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...
more
Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....
more
Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...
more