
Nelson Mandela le Allan Boesak kwa Kokoanong ya ANC ya Kgololosego
Nelson Mandela le Allan Boesak kwa kokoanô-kgolong ya kgololosego ya ANC.
Allan Boesak e ne e le moruti mme a ithutile kwa dikolong tse di farologaneng tsa boruti go ralala lefatshe le go fitlhelela lokwalo lwa PhD mo dithutong tsa maitseo. Ka 1982 Boesak o ne a tla ka tsitsinyo e e lopang World Alliance of Reformed Churches (WARC) go kaya tlhaolele fa e le seila. Mokgatlho o ne wa bea monwana Declaration on Racism le go mo tlhopha go nna modulasetulo wa mokgatlho wa maloko a le 50 million. O ne gape a na le seabe se se golo mo go tlhamiweng ga United Democratic Front (UDF) ka 1983. Mokgatlho ono o o bokaneng e ne ya nna setlhopha se se golo se se kgatlhanong le tlhaolele mo Afrika Borwa.
Go tshwantshitswe fano Nelson Mandela le Allan Boesak kwa kokoanong ya ANC ya Kgololosego. Tautona Nelson Mandela o ne a ithebola go fana ka bopaki jaaka mosupi wa botho wa ga Dr Allan Boesak fa a ne a lebanwe ke ditatofatso tsa bobodu ka 1997.
“Fa batho ba ikemiseditse ba ka fenya sengwe le sengwe.”

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....
more
Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...
more
Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...
more
Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...
more