
Madiba le Moprofesara Harry Seftel
Madiba le Moprofesara Harry Seftel kwa Johannesburg. Seftel o ntse go feta dingwaga di le 50 kwa Lefapheng la Melemo la University of Witwatersrand jaaka moithuti, moitseanape wa booki, morutabana, mmatlisisi le motsamaisi.
Moprofesara Harry Seftel o ntse dingwaga di feta 50 kwa Lefapheng la tsa Melemo kwa University of Witwatersrand jaaka moithuti, moitseanape wa booki, morutabana, mmatlisisi le molaodi. Madiba le moprofesara Seftel e ne e le ditsala gotswa kwa matsatsing a bona jaaka baithuti kwa Witwatersrand University. Fa a ne a le kwa kgolegelong, Mandela o ne a reetsa lenaneo la gagwe la tsatsi le tsatsi la mo seyalemoweng la tsa boitekanelo moso le moso, mme o ne a tsere kgakololô ya gagwe ya go fokotsa seelo sa letswai. E ne e le letsatsi le le monate fa ba kopana gape morago ga go gololwa ga Madiba.
“O tlile go fitlhelela go le go ntsi mo lefatsheng leno ka go dira kutlwelo-botlhoko gona le go dira ipusolosetso.” ~ Nelson Mandela

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....
more
Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...
more
Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...
more
Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...
more