
Nelson Mandela O Dumedisa Batshegetsi
Nelson Mandela o dumedisa batshegetsi.
Nelson Mandela yo o lebegang a tlhwaafetse o fologa mo sejanageng go kgatlhantshwa ke mokoa wa batshegetsi. O tsholeditse lebole mo moweng – tumediso e e tlwaelegileng ya kgaratlho kgatlhanong le tlhaolele. Lebole le le tsholeditsweng le patilwe ke dikgoeletso tsa 'Amandla' tse di rayang gore 'maatla' ka dipuo tsa seNguni. 'Amandla!' gantsi e diriswa jaaka karolo ya tumediso ya setso mme yo mongwe o araba ka gore 'Ngawethu' (go batho). Mafoko a Amandla Ngawethu; Maatla ke a Rona a ne a bua ka ga topo ya gore maatla a sepolotiki a fetolelwe go ya kwa bathong ba Afrika Borwa.
“O ka atlega mo tiegisong, fela e seng mo go thibeleng phetogelo ya Afrika Borwa go temokrasi.” ~ Nelson Mandela

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....
more
Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...
more
Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...
more
Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...
more