Nelson Mandela – Dingwaga Tsa Kwa Kgolegelong ka Benjamin Pogrund
Sesupo sa Kemo-kgatlhanong ya Tlhaolele
Go babusi ba Afrika Borwa ba basweu Nelson Mandela e ne e le motho yo a lebetsweng. Go ne go le jalo gape go lefatshe ka kakaretso: ka ngwaga wa Tsheko Ya Rivonia ya ntlha, New York Times e ne ya gatisa dipegelo di le mmalwa tse mo go tsona leina la ga Mandela le neng le tlhagelela; mo ngwageng o o latelang, le tlhageletse fela gangwe, mme seno e ne e le ka ga Winnie Mandela.
Winnie o ne a tswelela go dira go tshola leina la ga Mandela le ntwa ya gagwe di tshela, mme ka go dira jalo a ipakela go tlhoiwa ke sepodisi sa tshireletso. Ka motsi mongwe, tshweetso e ne e lebega e tserwe ke baeteledipele ba semphato kwa ntle ga naga ya go dira gore setšhaba se tseye Mandela tsiya: bokgoni jwa gagwe bo ne jwa lemogwa mme jwa mo dira mogaka o o eletsegang.
Go tsere nako fela leina la gagwe le ne la tlhagelela kwa godimo mme la nna sesupo sa kgaratlho kgatlhanong le tlhaolele. Seno se itshupile ka ditselana tse di makatsang: mo tshokologong ya Lamatlhatso wa selemo ke ne ka kgweetsa go ya kwa Posong ya Bogareng kwa Johannesburg go romela lekwalo le le kwadisitsweng go Mandela kwa kgolegelong. Monna wa montsho e ne e le mokwaledi mo khaontareng.
O ne a lapile ebile a utlwa mogote mme a ipetlêka go ralala khaontara, tlhogo ya gagwe e itshegeditse mo letsogong la gagwe. Ke ne ka mo neela lekwalo, o ne a le leba ka bodutu – fela, jaaka a bona leina, o ne a phaphama ka gangwe. O ne a emelela, matlho a gagwe a phatsima, mme a mpha tirelo e e matsetseleko.
Botlhokwa jwa Mandela bo a Lemogwa
Ka dingwaga tsa bo-1970 le go sale gale ka bo-1980 puso ya tlhaolele e ne ya simolola go bona botlhokwa jwa ga Mandela jaaka moeteledipele. Jaaka a tsofala puso e ne ya tshoga gore o tla tlhokafalela mo kgolegelong mme a fetoga mogale yo o tla dirang gore lefatshe lotlhe le eme kgatlhanong le tlhaolele.
Dikopo tsa gore a gololwe di ne tsa dirwa ke ntsala'agwe e leng Kgosi-kgolo Kaiser Mantanzima, le Johan Coetzee wa Sepodisi sa Tshireletso. bontlha jwa tumalanô e ne e le gore Mandela o tshwanetse go tswa mo Afrika Borwa mme a ye go dula kwa Transkei, e e neng e bitswa bantustan e e ikemetseng e e neng e eteletswe pele ke Mantanzima. Mandela o ne a gana.
Mandela le badirammogo ba le batlhano ba ba gaufi le ênê ba ne ba fetisetswa go tswa kwa Robben Island go ya kwa maemong a a botoka a kgolegelo ya Pollsmoor mo bogareng jwa naga. Go simolola go sale gale ka 1985, maloko a kabinete a ne a simolola go mo etela go tshwara dikopano tsa sephiri mme o ne a iswa go bona Tautona P.W. Botha.
Ketelô ya Ditsala kwa Pollsmoor
Morago ga dingwaga ke dira kopo ka makwalo, ke ne kwa bokhutlhong ka fiwa tetla ya go mo etela metsotso e le 45. Ke ne ka bolelelwa gore ke letlelelwa go mo etela jaaka tsala, mme e seng jaaka mmegadikgang, mme ka tshwanela ke go ikana gore nka se kwale ka ketelô eno. Seno se ne se le thata go nna, mme ke ne gape ka tshwanela ke go dira gore badirammogo ba me kwa Rand Daily Mail ba amogele seno.
Ke ne ke setse ke kgonne go itse motlhokomedi wa kwa kgolegelong wa ga Mandela, James Gregory. Mo tsamaong ya dingwaga, go simolola ka Robben Island, nna le mohumagadi wa me, Anne, re ne re rometse diphuthelwana tsa dijo tse di monate go Mandela ka nako ya Keresemose. Mme, ngwaga mongwe, ke ne ka bolelelwa gore e tla tshwanela ke go nathoganngwa ke bagolegwa botlhe mo setlhakatlhakeng. Ke ne ka leletsa dikantorokgolo tsa kgolegelo mogala mme molaodi o ne a netefatsa seno.
'O raya gore fa ke romela kilogram e le nngwe ya dimonamone o tlile go di aroganya mo bagolegweng botlhe ba le 1 400?' ke ne ka botsa.
'Ee', e ne e le karabo. Seno e ne e tota e le bomatla mme fela, go simolola ka motsi ono, re ne ra letlelelwa go romela madi a a neng a tsenngwa mo letloleng la ga Mandela la kwa kgolegelong. Fa nako e ntse e tsamaya re ne ra dira seno go badirammogo ba ga Mandela e leng Walter Sisulu le Govan Mbeki. Ke ne ka bolelelwa gore, ka Keresemose, ba ka kwala fatshe lenaane la dijo tse ba di batlang mme batlhokomedi ba tla ya kwa marekelong a a gaufi go reka.
Mo matsatsing a rona a boikhutso a ngwaga le ngwaga kwa Cape Town, re ne ra kgweetsa go ya kwa kgolegelong ya Pollsmoor go tlogela dimpho teng. Ke ne ka semagana le Gregory mme o ne ka metlha a le botsalano mme a nthusa thata.
Dipuisano tse di Makatsang
Kwa gae kwa Johannesburg ka moso wa Lamatlhatso mongwe, Winnie o ne a letsa mogala a tshwenyegile: o ne a boleletswe gore Mandela o na le kankere mme o ne a batla gore ke netefatse magatwe ano ka gangwe. Ke ne ka leletsa Pollsmoor mogala mme ka golagana le Gregory. O ne a nnetefaletsa fa go sena nnete mo magatweng ao; o ne a bone Mandela nakonyana mo pejaneng mme o ne a itekanetse ebile a jele difitlholo tse di siameng. Gregory o ne a nkopa go bolelela Winnie seno, mme a tlaleletsa ka gore go a swabisa gore go na le batho ba ba gasagasang magatwe a a jaana.
Ke ne ka mo leboga mme ka mo kopa go fetisetsa madume a me go Rre Mandela mme a nthaya are o tla dira jalo. Go ne go makatsa ebile go le thata go dumela gore ke ne ke bua le motlhokomedi ka ga mogolegwa wa maemô a ntlha mo nageng. Ke ne ka baya mogala fatshe mme ka bolelela Anne, 'Ene e le nngwe ya dipuisano ka mogala tsa botsenwa tse nkileng ka nna le tsona.'
Ketelô ya Tekeletso
Mo go ipaakanyetseng go etela Mandela, ke ne ka fetsa le monagano wa me gore ke tlile go bua sengwe le sengwe se ke se batlang mme nka se letlelele kganelô epe. Ke ne ka tsenngwa kwa kgolegelong ya Pollsmoor mme ka amogelwa ke Gregory: o ne a tlhalosa ka fa ba itumetseng ka teng ka ketelô eno. Ke ne ka simolola go lemoga fa ketelô ya me e le ya tekeletso – balaodi ba ne ba batla go bona gore go tlile go diragala eng ka ntlha ya gore pele ga fano e ne e le balelapa fela ba ba neng ba dumeletswe go bona Mandela.
Ke ne ka tshoga mme ka bua gore ke tlile go ya ka melao efe kgotsa efe e e ka tswang e le teng. O seka wa tshwenyega, ga bua Gregory; 'Monnamogolo' o a itse gore ke eng se se letleletsweng le se se sa letlelelwang go ka buiwa mabapi le maemô a kgolegelo.
Ene e le motsi o o kgethegileng mo botshelong jwa me: Ke ne ka dula mo setulong fa pele ga moalô o mogolo wa galase mme Nelson Mandela a tsena, diatla tsa gagwe di tsholeditswe mme a dumedisa. O ne a dula ka fa letlhakoreng le lengwe la galase mme re ne ra bua ka segowagowe, se se neng se nea mantswe a rona botlhoka-mmele. O ne a thuntse moriri mme sefatlhego sa gagwe se le melamela.
Fela o ne a nna ka go tsarologa mme a lebega a le maatla fela jaaka fa ke ne ke mmona labofelo, sebaka sa go feta dingwaga-some tse pedi se se fitileng. Ke ne ka tsewa ke seriti sa gagwe. Yo ke monna yo a itshôkileng mme ka ntlha ya seo a tlhoafala le go tsenelela kwa boteng. Puo ya gagwe e ne e na le bolaodi. O ne a le bonolo go Gregory mme Gregory o ne a le bonolo go ene, fela Mandela, le fa e ne e le mogolegwa, e ne e le monna yo a tshwereng marapo.
Maemo a a Tokafetseng a ga Mandela
O ne a baakantse lenaane la ditlhôgô tse re tlileng go bua ka tsona mo kopanong ya rona: o ne a batla gore ke bule tsela ya dithuto tsa barwadi'agwe ba le babedi, mme o ne a batla go itse ka ga bangwe ba ditsala tsa gagwe tsa bogologolo. O ne a nkopa go bolelela Dr Harold Seftel, moitseanape wa melemo ya seAfrika, yo a saleng a mo itse go tloga ka nako ya bona jaaka baithuti kwa University of Witwatersrand, gore o ne a reetsa puo ya gagwe ya tsatsi le letsatsi mo seyalemoweng ka ga boitekanelô.
Ke ne ka tshwanela ke go bolelela Seftel gore Mandela o sala kgakololo ya gagwe morago mme o fokoditse seelô sa letswai se a se jang. E ne e le lefatshe le le nnye ka gonne ke ne ke sa itse Harry Seftel fela, mme ausi wa gagwe e leng Dolly Levine, e ne e le tsala ya me e kgolo ebile a nkopantshitse le Anne – mme o ne a tsweleditse kgatlhego ya gagwe mo lenyalong la rona le mo baneng.
Moragonyana, ke ne ka leletsa Seftel mogala ka molaetsa wa ga Mandela mme a nteboga ka boitumelo, 'Ke tshegofatso se o nneelang sona, ke tshegofatso.' Mandela o ne a nkopa go mo etela gape, ka ketelô ya nako e e fetang eno gabedi, mme fela are a ka se mpone fa Anne a sa tle le nna. Ba ne ba ise ba kopane – re nyalane morago ga go tshwarwa ga gagwe – fela are o na le setshwantshô sa gagwe mo loboteng lwa ntlwana-fitshwana ya gagwe. Nna le Anne re ne ra eta, ka Ferikgong wa 1986, dibekenyana pele re fudugela kwa Brithane, mme ka nako eno bolaodi jwa ga Mandela bo ne bo itshupile le go feta. Re ne ra nna le ketelô ya kamano mo kantorong mme mokolonele wa kgolegelo yo o neng a dutse fa morago ga tafole a kwala dintlha, o ne a tshwere marapo fela ka semolao. Ka nako e ke ne ka tshwanela ke go fa tshepiso e e kwadilweng pele ga ketelô gore nka se kwale ka ga ketelô eno.
Mandela o a Gololwa
Puso ya Afrika Borwa e begile ka Labotlhano gore Mandela o tlile go gololwa ka letsatsi le le latelang. Ka Lamatlhatso wa teng, ke ne ke tshwanetse go isa setulo gore se baakanywe kwa lebenkeleng la didiriswa tsa bogologolo gaufi le legae la rona kwa West Hampstead, London.
Ke ne ka tsena mme ka bolelela mong wa lebenkele ka matlhagatlhaga, 'Dikgang tse di itumedisang gore Nelson Mandela o a gololwa gompieno.' O ne a nkgwela ka tlhaa, 'Ke motshosetsi. O tshwanetse go kgwagetswa.'.
E ne e le sebakanyana se se maswe fela e ne e se sesupo sa maikutlô-kakaretso a Brithane ka nako eo. Ke ne ka nna letsatsi lotlhe kwa Sky TV, ke fana ka maikutlô ka ga ditshwantshô tse di gakgamatsang tse di tlhagiswang kwa ntle ga kgolegelo ya Victor Verster kwa magaeng mme morago go tswa kwa Grand Parade ya kwa Cape Town kwao Mandela a faneng ka lefoko go matshwititshwiti a batho ba le diketekete.
Translated by
Nchema RapooBaeteledipele le baemedi ba African National Congress e ne ele ba ntlha go ka tlhatlhêlwa....
more