Motshotelo le Temô ya Botswa-Tsheding

© Chris Daly

Mosutele o na le dikotla di le di ntsi le di-microbe mme ke karolo e e botlhokwa ya kumiso ya mmu mo temôthuong ya botswa-tsheding. Mosutele o na le seelo sa ditswa-tsheding se se kwa godimo le boleng jwa dikotla. Ditswa-tsheding di thusa ka go tshola mmu o metsifetse sebaka se se telele. Fa motlhagisi a se na mosutele o o lekaneng, go na le ditsela tsa go o “taolosa” - mosutele o ka diriswa jaaka kobelo kgotsa o ka petelelwa mo mmung go dikologa dijalo fela, mme eseng mo karolong yotlhe e go jalelwang mo go yona.
Motshotelo wa diphologolo gantsi o diriswa mo temôthuong ya botswa-tsheding ka gonne o humile ka ditswa-tsheding le dikotla. Motshotelo o o mo mokgweng wa tlholego kgotsa o o sa tlhotlhwang o ka fisa dijalo mme o ka se diriswe mo dijalong tse di tlileng go jewa ke batho, ke gore mo maungong le mo merogong. O ka diriswa mo mafulong, dijalo tsa oli e e botlhokwa le dijalo tse di kgabisang. Mabaka a seno ke gore go na le megare e e kotsi mo motshotelong e e ka bakelang batho malwetse. Motshotelo mongwe le mongwe wa phologolo o o diriswang o tshwanetse go bodiswa ka tshwanelo.
Motshotelo o o leswang nakwana mme o letlelelwa go ka bôlela mo thothobolong o ka diriswa mo tlhagisong ya merogo le maungo. Fa motshotelo wa diphologolo o diriswa mo mmuteleng, bontsi jo bo lekaneng jwa serasemela se se humileng ka carbon se tshwanetse go ka tshelwa (gantsi selekanyetso sa carbon: nitrogen sa 30:1 se siame thata) go netefatsa thugô ya ditswakwa go nna mmutele o o lekalekanang. Ka fa tlase ga maêmô a tsamao ya oxygen, pathogens di fokotsega ka bonako go feta ka fa tlase ga maêmô a a senang tsamao ya oxygen. Fa dithothobolo di phetokanngwa kgapetsa mme dithemphoritšhara di letlwa go fitlha go bonnye 55℃ ka dibeke tse pedi, seelo sa pathogens se ka fokotsega goya go selekanyô sa têmogô.
Mo lobakeng lwa Salmonella, le dithemphoritšhara tse di kwa tlase di lekane fa selekanyetso sa carbon: nitrogen se le kwa tlase ga 20:1. Ditlamorago tse di sa siamang tsa go phetokanya kgapetsa le dithemphoritšhara tse di kwa godimo ke tatlhegelo ya nitrogen ka mowafalo ya NH₃. Motshotelo o o mo mokgweng wa tlholego o ka se diriswe ke dijalo go fitlha o fetolelwa go mmutele ke di-microbe tsa mmu. Tsamaiso eno e tshwarelela dikotla tse di rileng mme e ka baka phokotsego (ya nakwana) ya dikotla tse di leng teng. Mo godimo ga seo, e ka isa kwa koketsegong ya disenyi tse di jaaka kgopa le earwig.
Motlhagisi o tshwanetse go itsise sekema se se laolang fa motshotelo wa diphologolo o dirisitswe. Mofuta wa phologolo e motshotelo o tlholegileng gotswa mo go yona le ona o tshwanetse go kaiwa. Seno se maleba gape mo dijong tsa marapo, manaka, madi, jalo le jalo. Ga go na mantle (motshotelo wa batho) a a letleletsweng mo temôthuong efe kgotsa efe.
Mantle a diphologolo gotswa mantlwana-phepelô a kgwebo le dihôkó tsa dikgogo ga a letlelelwa ka fa tlase ga mabaka afe kgotsa afe. Ke thuo e e tseneletseng, e e dirisang di-antibiotic le di-hormone mme diphologolo ga di a letlelelwa go tsamaya ka kgololosego, mme ke ka fao motshotelo gotswa mantlwana-phepelô o sa letlelelwa mo temôthuong ya botswa-tsheding.

Translated by Nchema Rapoo