Seêlô sa kgolô sa tlhapi mo thulaganyong ya bolemirui jwa metsi a a foreshe (temôthuo ya ditshelametsing) se tshwanetse go elwatlhoko setlha sotlhe. Phetogo nngwe le nngwe mo seêlông se se solofetsweng sa kgolô e ka supa mathata a phepô, boleng jwa metsi jo bo bokoa kgotsa malwetse. Dikgoreletso tse di bakilweng ke batho kgotsa diphologolo le tsona di ka baka kgatelelô mme tsa isa kwa kgolông e e bonya, jaaka go tlhalosa Henk Stander, molaodi-mogolo wa botegeniki wa Aquaculture: Department of Animal Sciences, Stellenbosch University.
Seêlô sa kgolô se ka metwa ka sampole ya tekô. Sampole ya tekô ke go ntsha tlhapi gotswa mo letamong (kgotsa tanka) go tlhatlhoba kgolô ya yona le seêmô sa yona sa boitekanelo. Morago ga ditlhatlhobo, tlhapi e busetswa mo metsing. Sampole ya tekô go sweetsa seêlô sa kgolô gape ke tshono e ntle ya go sekaseka seêmô ka kakaretso sa tlhapi. O tlile go kgona go leba dintho, dikôlô, phetogo tsa mmala, diphuka tse di segegileng kgotsa bofofu.
O seke wa tsenwa ke tsebetsebe. Santlha, sweetsa bogolo jwa bothata mme o golagane le batshegetsi ba setegeniki go bona thusa. Bega bongwe le bongwe jwa mathata ano go netefatsa tsibogô ya ka gangwe.
Tsamaiso ya go dira tekô ya nako efe kgotsa efe go meta lobelo lwa kgolô e supilwe fa tlase fa:
Bukana e e kwalelang
Sekala (0 - 100 kg)
Meteme ya matlakala e mentsho (50 - 80 litres)
Matloa a tlhapi go thibela dingweego
Letloa la kgêlêlô
Thuso ya bobotlana bathusi ba le babedi
Tima tlhapi dijo (o seke wa e fepa) sebaka sa diura di le 24 pele ga go sampola. Sampola hôkô ele esi ka nako. Gapa ditlhapi mmogo ka go fokotsa ka iketlo boteng jwa hôkô go nna boteng jwa 1 - 2m.
Jaanong, kgaoganya hôkô ka go gogela mogala ka go kgabaganya ka fa tlase ga hôkô gore bontsi jwa ditlhapi bo tshwarege mo letlhakoreng le sampole e tlileng go direlwa mo go lona. O seke wa latlhela sefepi go ngoka ditlhapi. Seno se tlile go tlisa tshedimosetso e e sa tlhamalalang ka ge e tlile go nna fela ditlhapi tse di kgolo le tse di nonofileng tse di tlileng go fitlhelela sefepi pele.
Baya sekala le moteme mo letloeng go thibela ditlhapi go ka tlolela kwa ntle ga letloa kgotsa moteme go wela mo letamong. Tlatsa moteme ka metsi mme o o beye mo sekaleng. Baya sekala mo go lefela. Gelelela ditlhapi mo motemeng mo boketeng jwa 10kg go ditlhapi tsa bokete jwa 150 - 500g le 20kg go ditlhapi tsa bokete jwa 500 - 1000g.
Rekota bokete jwa ditlhapi mo nankolong ya tafole. (Bona table 1.)
Gololela ditlhapi mo hôkông/tankeng ka go bala ditlhapi ka iketlo. Dira gore batho ka bobedi ba ba tshwereng moteme ba bale le go netefatsa morago ga fao. Fa dipalo di sa tshwane, itlhokomologe sampole mme o boeletse.
Go botlhokwa thata go rekota bokete jwa ditlhapi ka nepo le go bala ka tshwanelo go bona bokete jwa magareng jo bo tshepagalang. Boeletsa tsamaiso ya go sampola ka dihôkô/ditanka tse dingwe go fitlha bobotlana jwa 5 percent ya ditlhapi tsotlhe di sampolwa.
Tshola ditlhapi ka kelotlhoko le ka boleta ka metlha. Ditlhapi di nna le kgatelelô motsotswana mongwe le mongwe o di leng kwa ntle ga metsi. Fetsa go sampola ka bonako jo bo kgonagalang mme o ise matloa tlase goya kwa boteng jwa kwa ntlheng gore ditlhapi di thume ka kgololosego mo dihôkông.
Bokete-tshedi jotlhe ke bokete jotlhe jwa ditlhapi tsotlhe mo hôkông kgotsa tankeng. Balelela bokete-magareng jwa hôkô ya ditlhapi ka go dira se se latelang:
Tlhakanya bokete jwa disampole tsotlhe go bona bokete jotlhe. Mme, aroganya bokete jotlhe ka palogotlhe ya ditlhapi tse di badilweng.
Goya ka tafole e e fa godimo, bokete-magareng jwa ditlhapi ke 483 g = 50.73 kg ÷ 105.
(50.73 kg = 50 730 g).
Balelela bokete-tshedi jotlhe ka go ntsifatsa bokete-magareng jwa ditlhapi ka palo ya ditlhapi tse di leng mo hôkông. Sekai: 483 g x 3 390 ya ditlhapi mo hôkông = 1 637 kg (0,483 kg x 3 390 = 1 637 kg).
‘Feed conversion ratio’ (FCR) ke palo ya bontlha jwa sefepi jo phologolo e bo dirisang go tlhagisa bontlha bo le esi jwa setlhagiswa, sekai, kg ya sefepi e e dirisitsweng go tlhagisa 1 kg ya nama. FCR ke selekanyetsi se se botlhokwa go tlhotlhomisa tiragatso ya moruo ya phologolo. Go balelela FCR go tlile go thusa molemirui wa tlhapi go tlhotlhomisa lenaneo la gagwe la phepô le go bona ka fao ditlhapi tsa gagwe di oketsang bokete jwa mmele ka teng.
Sekaseka feed conversion ratio kgwedi le kgwedi.
Balelela FCR ka go aroganya bokete jo bo oketsegileng jwa bokete-tshedi jwa ditlhapi ga e sale ka motsi wa bofelo wa sampole ka mojô wa sefepi mo pakeng eo. Sekai, fa bokete jwa bofelo jwa sampole e ne ele ka di-31 Mopitlwe mme bokete jwa ga jaana jwa sampole ele ka di-30 Moranang, paka ya phepô e ne ele malatsi ale 29 mme 350 kg ya sefepi e dirisitswe.
Koketsego ya bokete:
Bokete-tshedi ka di-31 Mopitlwe e ne ele 1 330 kg mme ka di-30 Moranang e ne ele 1 637 kg, ka jalo koketsego ya bokete e ne ele 307 kg (1 637 kg - 1 330 kg = 307 kg). Bona tafole e e fa godimo.
FCR:
Go balelela FCR, aroganya bokete jwa sefepi ka koketsego ya bokete.
350 kg ya sefepi ÷ 307 kg ya tlhapi = 1,14
Seno se raya gore 1,14 kg aya sefepi e ne e tlhokagala go tlhagisa 1 kg ya bokete jwa tlhapi.
Ka jalo FCR ke 1:1,14
FCR e ka farologana mme e ikaega ka mofuta wa tlhapi, mofuta wa sefepi, boleng jwa metsi le go nna teng ga dijo tsa tlhagô. Gape, FCR e botoka thata go ditlhapi tse di potlana gona le go ditlhapi tse kgolo tsa mofuta o o tshwanang mo tikologong e e tshwanang.
Gopola: go nna tlase ga FCR, go kaya go tokafalo ga sefepi se se diriswang ke ditlhapi tsa gago.
Sekai, FCR ya 1:1,2 e siame fa FCR ya 1:2,5 ele bokoa.
Bapisa dipholo le segogoropo sa kgolô se se tshitshintsweng goya ka lenaneo la phepô. Batlisisa mme o fetole taolô fa kgolô ya nnete ele kwa tlase ga 5% ya seêlô sa kgolo se se solofetsweng.
Translated by Nchema Rapoo