Menawa ke dijalo tse di nang le meditona, di ntshwakuno ya peu mo diphotlweng mme di na le matlakala kitlano a a dirilweng ka matlakala a mannye – nagana ka dierekisi le tlabere jaaka dikao. Menawa ka tlwaelo e dirisiwa jaaka dijalo tsa phulo. E ka jalwa ka boyona mme ya dirisiwa ka ntata ya go fula, e ka segiwa jaaka furu kgotsa e robiwe fa e sa le tala go dirisiwa jaaka letseto kgotsa bojang bo bo omisitsweng seripagare mme ba tswalelwa mo palistiking.
Dinawa jaaka dijalo tsa phulo di oketsa tatso le diteng tsa proteine mo furung ya diruiwa. Gantsi, menawa e tswakanywa le majang go ntshakuno ya phulo e e tswakilweng go ya godimo ka proteine le go jega go feta bojang bo le nosi.
Khamphani efe kgotsa efe ya peu e tla kgona go go eletsa mabapi le menawa le dikopantsho tsa bojang-menawa go di jala mo tikologong ya gago ka mofuta wa mmu wa gago. Kopa keletso.
Fa mafulo a menawa a diriswa jaaka dijalo tsa furu di ntshakuno ya proteine e e silegang ya diruiwa go feta majang a le nosi. Menawa e na le mosola wa kokeletso ka ntlha ya gore e kgona go fetola naetrojene kwa lefaufaung go nna naetrojene e e nnang seela mo mmung ka tiragatso e e bitswa ‘baakanyo ya naetrojene’. Se se fokotsa tlhokego ya go nontsha mafulo ka naetrojene le go nna mosola mo dijalong tsa bolekane tsa phulo.
‘Baakanyo ya naetrojene’ ke poelo ya botsalano le twatsi ya mmu e bitswang Rhizobium e e bopang dinoko tse nnye tse di leng mo meding ya menawa. Go atlenegisitwe gore pele ga jalo, peu ya menawa e tshwanetse go entelwa ka mofuta wa maleba wa twatsi ya Rhizobium go netefatsa popego ya noko.
Mesola e mengwe ya go jala menawa jaaka mafulo ke:
Mafulo a menawa ke motswedi wa maemo a kwa godimo a furu ya diphologolo mme a godimo ka proteine. Diphologolo tsa bašwa, tse di golang di na le tlhokego ya proteine e ntsi eo e ka tswakiwang ka go akaretsa menawa mo furung.
Mafulo a menawa a na le tatso e bile a silega thata, gape di oketsa diteng tsa kalasiamo mo dijalong.
Luserene ke furu e botlhokwa ya diphologolo tsa maši tse di amusang, le fa e le gore balemerui ba maši ba nang le noisetso ba ka tlhopa mafulo a bojang ba tlabere. Menawa mo motswakong wa furu ya diphologolo tse di amusang di ka oketsa bithamine A le E go jewa ga kalasiamo ke diphologolo go ka oketsa diteng tsa mafura mo mašing le boleng ka kakaretso ba maši fa go bapisiwa le difuru tsa bojang fela.
Bontsi ba balemirui ba dinku ba dirisa menawa ya baakanyo ya naetrojene jaaka Luserene, tlabere le ditlhare mo mafulong a bona go tokafatsa kgolo ya ulu le boleng. Mo dipuding tsa Masaeboko, maemo kwa godimo thata a proteine a ka tlhola moriri o ‘maatla’ go feta kgotsa ditlhale tsa moriri o mokima e e ka feletsang ka dithekiso tse kwa fasana tsa tlhale ya bona.
Dipatlisiso di bontshitse dikelo tsa go dusa tse di tokafetseng le kgolo ya dikgomo tsa nama fa menawa e dirisitswe. Poelo ya mafulo e a oketšega fa menawa e tlatselweditswe mo motswakong wa mafulo. Mo dipatlisisong, tlabere e khibidu e kopantswe le matlhokwana a matelele a ntshwakuno ya dipoelo tse di kwa godimonyana (10t/hektare) go feta matlhokwana a matelele a nontshwitweng ka naetrojene e e fitlhang 165 kg/hektare (9t/hektare).
Dipatlisiso tse dingwe di bontshitse tiriso ya Luserene le tlabere e khibidu e le nontsho e nngwe e e amogelesegang ya mafulo. Ka go dirisa menawa go tswakanya le mabojang go dira furu e e fapaneng ka tlhago. Gape e tokafatsa diphedi tse di farologaneng tsa tlhago mo polaseng, phopholego ya mmu, e ka ngokela ditshenekegi tse di mosola le go tokafatsa go mona kotla go tswa mmung.
Tsweetswe ela tlhoko: Tshedimosetso e ke ya maikaelelo a thuto le tshedimoso fela mme ga e a tshwanela go rarollwa jaaka keletso ya monontsha. Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga phepo ya mmu wa gago le nontsho ya mafulo ikgolaganye le mothekeniki wa temothuo kgotsa morekisi.
Translated by Lawrence Ndou