Paakanyo ya go ntshakuno e foreše go ntsha matute a yona go akaretsa go feta go e gamola mo ditshelong. Maitlhomo gape ke go oketsa botshelo ba šelofo, go tokafatsa kgotsa go tshola tatso, mmala le boleng le go oketsa boleng ba ntshokuno ya temothuo eo e sa siamelang go bapatswa jalo ka ntshokuno e foreše.
Melawana ya thulaganyo ya go tutafatsa e akaretsa go tshola sentle morago ga ntshopuno (sekao dinamelwa, go tlhopha le go tsidifatsa), polokego ya dijo, go baakanya le dithulaganyo tsa go di phuthela, taolo ya boleng le jalo jalo.
Maungo a mangwe kgotsa merogo di tlhoka ditiro tsa thulaganyo tse di rileng go ya ka sebopego sa leungo kgotsa go ya ka sebopego (popego ya leungo) le sebopego. Sekao, Mokgopha wa ferox o ka se kgone go dirisiwa ka mokgwa o o tshwanang le ya diperekisi jalo ka peleng e ka ntsha poelo e e jaaka matute a jalo ka mafura fa dipoelo tsa bofelo mo tšhotlhong e kima. Maungo a letlalo le le sa jeweng jaaka dipeinapole a tlhoka go obolwa fa go bapisiwa le meretlwa eo e ka gamolwang ka bogotlhe.
Molawana wa motheo wa go tutafatsa ke go thuba mabota a sele ya maungo/merogo, go letlelela phepo le bongola gammogo le ditlhale go gololwa. Didirisiwa tsa go monola matute di fitlhelwa go tswa go didirisiwa tsa go dirisiwa go thuga ka seatla go ya go dimononli tsa semotšhene go kgona go thuga ditone tsa maungo a mantsi ka ura.
Go na le dipharologano tse di botlhlokwa ka go tshola mofuta o mongwe le o mongwe wa maungo, jalo thulaganyo e e tlwaelegileng e tla tlhaloswa:
Kwa morago ga go lekola le go tlhopha leungo le le amogeteweng, le a tlhatswa le go tsidifadiwa. Mo kgatong e, maungo a mangwe a ka tsenela thulaganyo ya go butswa go ya kwa pele fa maungo a mangwe a butswang a ka go fokotsa go letlelela thulaganyo ya thulaganyo ya go tutafatsa.
Go ya ka mofuta wa maungo, go tloga fao a obolwa, go ntshiwa peo kgotsa pele ga go ntshiwa pelo pele ga go kgaolwa le go thugiwa. Go tloga fao tšhotlho e a alafiwa ka diensaeme tsa macerating go thusa ka go tlhatlhamolola mabota a disele le ditlabakelo tsa ditlhale tse di jaaka phektini le selulose. Kalafo ya diensaeme gantsi e tsamaelana le thulaganyo ya thutafatso go tsweletsa pele go oketsa poelo ya matute go tswa mo diseleng. Go thuthafatsa gape le gona go kolobetsa maungo, e dira diensaeme tsa maungo di seke tsa dira le go fokotsa diteng tsa dimaekropo.
Go tloga fao go latela go gamola le go monola matute eo e latelwang ke go sefa le tlhalosiwa.
Mo matuteng a a nnang bomaru kgotsa phifadu ga a amogelesega, mekgwa e e jaaka go kgaoganya le tsenelo o ka ntshakuno matute a a sekileng.
Mo nakong ya dithulaganyo tse tsotlhe tse, matute a maungo a ne a bewa mo pontsheng mo moweng go tlhotlheletsa go dirwa borokwa ka diensaeme, e senya phepo, e fetola tatso, le tshenyo ya boleng ba matute.
Go tlosa oksitšene go dirwa ka e ka nna go baya matute mo matlhaseding a thutetsweng mo ntlong e e sa tsenelweng ke mowa kgotsa go lapolosa matute ka naetrotšene kgotsa khaponetaeoksaete.
Go tloga fao matute kgotsa tšhotlho e a sekasekwa le dipaakanyo le metswako di dirilwe.
Ntshokuno go tloga fao se swanetše go išwa go phuthela, go direlwa setlankana, go tsamaisa le go rekisiwa. Se se tlhoka gore e tshwanetse go nna le botshelo ba šelefo ba go feta diura tse di 24 tseo di ka batlang go tsidifadiwa, go dirwa boswakgapetla, go bolayamegare ka boswakgapetla kgaotsa tlaleletso ya seloti. Go bolayamegare ka phiso goba go dira ka kgatelelo e e kwa godimo (HPP) - mokgwa o go leng tsididi wa go bolayamegare o o leng botoka go somarela phepo le tatso, o ka dirisiwa mo polokegong ya dijo fa ntshokuno e phuthetswe.
Mo maemong a bosa a a bolelo, matute a a sa tswang go gamolwa a tshwanetse go nowa mo gare ga 2 - 24 ya diura kwa morago ga go ntshiwa, go ya ka mofuta wa maungo le go butswa.
Dithulaganyo tse di jaak go tsidifatsa, go boswakgetla, go phuthelwa mo phaposing ye e sa tseneng mowa le go bolayamegare ka go thutafatsa matute go ka diegisa go senyega ga matute ka ntlha ya oksiteišene, go bolayamegare ka go thutafatsa le go senya (se se tlholwang ke dimaekropo le ditiragalo tsa ensaeme). Go senyega ga matute go tlhola tatlhego ya dibithamine, diphetogo tseo di sa eletsegeng tsa tatso le ponagalo le kgolo ya dimaekropo tse ka nnang kotsi.
Go phuthela matutu ga se fela go thusa go tshola ntshokuno fela gape e thusa go fa tshedimosetso ka ga ntshokuno le go gogela kelo tlhoko ya ba ka bang bareki. Gape e dira gore go nne bonolo go tsamaisa ntshokuno le go thusa go atolosa bophelo ba šelofo ba matute.
Go ya ka histori, ditshodi tsa diedi di nne di dirilwe ka dintshokuno tsa diphologolo tse di jaaka tlhale e logilweng ya sejalo, makukane, mae a ntšhe, matlalo a diphologolo kgotsa mala le gape dipitsa tsa mmopa.
Phuthelo ya segimpeino ya matute e fetogile go le gonnye mme jaanong e akakretsa galase le mabotlolo a a dirilweng ka go futswetswa ka mowa gammogo le meteme le mabokoso a pampiri a a khupeditsweng ka polasetiki, gantsi e dirwa ka go dirisa papetla ya pampiri e e latlhilweng. Bantshakuno ba matute ba bangwe ba ka tlhopa go neelana ka matute ka bontsi mo ditshoding kgotsa go letlelela bareki go tlisa ditshodi tsa bona.
Dibabaledi tse di tlaleleleditsweng mo matuteng a maungo di akaretsa letswai la esiti ya benzoeiti, sebabole taekosaete le dibabole, esiti ya saetriki le askobiki gammogo le pimaricin.
Esiti ya saetriki ke seokeletswa mo dieding tse dintsi go nonontsha tatso le go oketsa tsepamo. Gape e dirisiwa mo matuteng a tsa bodinamune a go kaonafatsa tatso le go oketsa botshelo ba šelofo.
Esiti ya eskobiki (bithamine ya C) gantsi e tlaleleditswe mo matuteng a maungo go feta diteng tsa bithamine ya C eo e ka fediswang bonolo mo nakong ya thulaganyo ya go tutafatsa. E dirisiwa thata jalo ka seedi seo se kgoreletsang thulaganyo ya go kgoreletsa oksiteišene fa go babalelwa mmala le boforeše.
E dirisiwa mo veineng le mo matuteng a terebe go laola tiragalo ya mouta le sebediso mme ke ya mo letlhakoreng le lengwe la go tlhoka go ganana tiriso ya dibabole.
Le fa go ntse jalo, dikgato tse tsotlhe le ditlatseletsi mo morago ga diteng tse di fetosang phepo tsa matute a foreše. Fa go kgonega le fa go direga, tiriso ya matute ka bonako kwa morago ga go ntsha go ka tshwara melemo ya phepo e mentsi.
Translated by Lawrence Ndou