Meetlo wa Phetiso ya Thupiso ya Matebele

© Dr Peter Magubane

Thupiso mo Gare ga Banna le Basadi

Thupiso e sa ntse e dirwa mo gare ga banna le basadi ka bobedi mo setšhabeng sa Matebele, go tshwaya phetiso go tswa mo maemong a bonnye le bogolo. Kwa bokhutlong jwa meetlo e, morupisiwa o letlelelwa go nna matlhagatlhaga ka tsa thobalano le go simolola go gaisanelwa thulaganyo ya go nna le seabe le lenyalo. Tiro e e botlhokwa ya thupiso ke go golaganya balekane ba dingwaga tse mmogo, le go ba farologanya mo gare ga ditlhopha tsa dingwaga dingwe.

Morupisiwa o o tona (abakhethua) ba kgatlhegile thata go amanya fela le banna ba bangwe ba ba neng ba ile kwa thupisong. Ka ntlah ya go netefatsa go khethega le maemo a a kwa godimo. abakhethua ba laetswe go se senolele basimane ba ba sa yang gore go diragala eng mo bothokong mo tlhatlheleng ya thupiuso (umphadu).

Mo tsamaong ya thulaganyo ya thupiso, banna le basadi ba tsenngwa mo tlhamaneng ya setso e e leng boteng e marara ya setlhopha. Kitso e e fetisiwa go tswa mo go losika lwa ntlha go ya go le le latelang, go netefatsa gore phetiso ya kitso e tsweletswe pele, le tshwaragano ya setlhopha e gateleditsweng.

Thupiso ya Banna

©Dr Peter Magubane

Thupiso ya (wela kgotsa ingoma) e e diriwang mo gare ga Matebele a Ndzundza e e diriwang dingwaga dingwe le dingwe tse di nne, mme basimane ka gale ba na le mengwa e 15 go ya go di le 18. Maina a bone a kwadisitswe le kgosikgolo (kgosi). Fa se se setse se dirilewe mme kgosi e tshwanetse go tlhagisa letlha, barupisiwa ba tla apara lebanta la tlhogo la bojang (isonyana), se se supang gore ke morupisiwa o o mo ipakanyong. Mo kgatong eno, o dira ditiro tse di farologaneng tsa meetlo dibeke di le tharo.

Pele ga go tlogela manno a kgosi, koo abakhethua go tswa mannong a a leng gaufi, e e rileng isititirimba (letsela le mo lethekeng, go tswa kwa Seaforikanseng stertriem), tse di dirilweng mme di dirilwe ke borremogolo ba bona go tswa go letlalo la phologolo, mme e le gantsi, kobo e e makgasa e e sesane, go sa kgathalesege ntlha ya gore thupiso fa go le gantsi e diragala mo dikarolong tse di tsididi tsa mariga.

Mo tulong ya kgosi, barupisiwa ba dira meetlo, e e tshwayang go sadisa sentle bosimane. Morago ga seno, ba a tsewa go isiwa kwa lesakeng la dikgomo la kgosi. Mo tshimologong ya letsatsi, ba a tsosiwa go isiwa kwa lefelong le le boitshepo le leng gaufi le noka. Ba a phatlalatswa go bapa le dintshi tsa noka, le go rupisiwa.

Go tswa fa ba ne ba tshwanetse go tlola noka (ukuwela) mme ba tsamaye ka matlho a a tlhomileng fa fatshe ka fa tlase ga motlhwatlhwaetsi go ya kwa bonnong bo bo farologaneng ba thupiso, go ya ka motseselegae wa gaabo wa tlholego. Barupisiwa ba nna mo bonnong, mo boteng ba kwa sekgweng, mo dikgweding di le pedi, ba ntse ba laetswa ka ditlhamane tsa setlhopha le maikarabelo a bona, ditiro le ditshwanelo jaaka banna.

Morago ga nako ya bona ya go bewa kwa thoko, meletlo e a rulaganywa kwa magaeng a abakhethua, le dimpho tse ba di amogelang go tswa malokong a lelapa, go keteka phitlhelelo ya bonna, di a bontshwa.

Fa abakhethua ba tlogela umphadu, o a tshubiwa le dikobo le diaparo tseo ba neng ba di apere ka nako ya thupiso, go bontsha dikarolo tsa meetla go phetiso le go tswala kgaolo mo matshelong a bona. Morago ga se, ba boela kwa go kgosi fa letsatsi le wela, ba khupeditswe sentle ka dikobo, ka matlho mo fatshe ka pontsho e e totobetseng ya boikobo, go tshwana le fa ba ne ba ya kwa bonnong ba go rupisiwa. Ka fa tlase ga dikobo tsa bona basimane ga ba apara sepe kwa ntle le isititirimba se se bontshang bonna.

Mo bosigong boo ba robala mo lefelo le le tswetsweng mme kwa tshimologong ya letsatsi le le latelang barupisiwa botlhe ba tlhagisiwa mo phatlhalatseng (ukupalala) le go amogela semmuso maina a bona a mophato go tswa go kgosi. Morago ga se, maloko a setlhopha a boela kwa magaeng a bona le tikologo e telele ya go keteka. Kgato e e latelang mo matshelong a bašwa ba banna e bula jaaka thulaganyo ya go ntsha bogadi le go ka akanngwa ka lenyalo, ka nako e ba letlelelwa go itumedisa go se nene ka thobalano.

Thupiso ya Basadi

©Dr Peter Magubane

Thupiso ya basadi (iqhude kgotsa ukuthombisa) e kwa tlase go feta banna ka botlhoko, jaaka fa go se na go kgaolwa ga nawa kgotsa go kgaolwa ga mmele go go diragadiwang. Tiragatso e simolola fa mosetsana a fitlheletse boroba, go simolola mo mosong pele go ngweding o o tletseng, fa basetsana ba apotswe diaparo tsotlhe mme ka tshupetso ba busediwa kwa tlhagong, ka go nna le moriri otlhe mo mmeleng a pomilwe. Morupisiwa mongwe le mongwe yo o tlhophilweng o thusiwa ke mokaedi o o kgethilweng — basetsana ba bangwe le basadi bao ba neng ba rupisiwa.

Fa basetsana ba setse ba rulagantswe, letsatsi lotlhe le fetswa ka dikopelo le go binela go bapa le sediriswa se se jaaka moropa, go tswa mo go yona go na le modumo o o roromang o a ntshiwa. Maitsebowa, basetsana ba kokoanya kwa molelong, ba apare kobo e ba e neilweng ya thupiso, fa dikaedi di apotse diaparo. Ba opela dipina pele ga go tsenwa mo matlhapeng a tshotlakako le thogako kgatlhanong le banna, kgopolo ya bonna le ditho tsa thobalano tsa banna, el basadi ba ba so rupisiweng. Meetlo e e botlhaswa e tswelela bosigo botlhe.

Pele mo mosong o o latelang, barupisiwa le bakaedi ba bone ba ya kwa nokeng fao basetsana ba tlhapisiwa ka moetlo, fa ba boela kwa mannong a bona. Mo letsatsing le le latelang go keteka go a diragala gape mo barupisiwa ba tlhapisiwa gape. Morago ga fao o tseelwa kwa thoko mo phaposing e e agilweng e e kgethegileng lwa legaeng la gagwe. Ka metlha ya pele nako ya go bewa kwa thoko e ne e le paka ya dikgwedi di le tharo, mme gompieno, le ditlhokego tsa go tsena sekolo le tiro, e ne ya fokotsiwa go nna kgwedi e le nngwe. 

Mo nakong eno, morupisiwa o amogela ditaelo go tswa go kaedi ya gagwe. Gape o etelwa ke bommemogolo ba bonno, mo ba mo fagn ditaelo ka ditlhamane le ditso, gammogo le ditiro tsa gagwe le maikarabelo. Ntlha ya botlhokwa ya barupisiwa, le fa go ntse jalo, ke go laela barupisiwa ka maikarabelo le ditiro tsa go dira lelapa. Mo nakong ya go nna kwa thoko, ga a dumelelwa go bua le kgotsa go bona monna mofe kgotsa mofe, mme ka jalo o dira ditiro tsa selegae tseo a di rutwang ka nako ya kwa thupisong fa go le bosigo kgotsa mo tshimologong ya diura tsa mo mosong.

Kwa bokhutlong jwa go nna kwa thoko, morupisiwa o isiwa kwa nokeng go tlhapisiwa la bofelo. Kobo ya gagwe ya thupiso le diaparo di a tshubiwa, go tshwaya 'loso la bosetsana’. O neelwa isiphephetu, khiba ya dipheta tse di tiileng, jaaka letshwao la gagwe go tswa mo mosetsana wa polelo ya bosetsana go ya go bosadi.

Jaaka morupisiwa wa monna go fetola maemo a go simolola le a go keteka ka tatelano ya kwa magaeng a basetsana ba ba rupilweng. Eno ke nako ya boitumelo, ka nako e basadi ba ba sa tswang rupisiwa ba kgona go tshameka ka maikutlo le go ngoka tlhokomelo e e ka bonwang ke monna wa gagwe wa isagwe.

Translated by Lawrence Ndou

Hisetori ya Matebele

Hisetori ya Matebele e akaretsa bogare ba ngwagakgolo wa bo19 fa bammogo ba Kekana ba morafe wa Matebele di ne di kgaogantswe ka ditlhopha t...more