Hisetori ya Matebele e akaretsa bogare ba ngwagakgolo wa bo19 fa bammogo ba Kekana ba morafe wa Matebele di ne di kgaogantswe ka ditlhopha tse di nnye, e e phatlaletseng go ralala le dikgabana, melapo le dipowa di dikologile Potgietersrus ya gompieno, Zebediela le Pietersburg. Ditlhopha tse di ne tsa tseneletswa ka go tswelela ka tatelano ya dipalo tse di kwa godimo tsa Basotho, mme ba tsamaile phetogo e e bonalang ya setso.
Go ya ka pharologano, ditlogolwana tsa dikgosi tsa Matebele Manala le Ndzundza ba tswetse pele boitshupo jwa setso, le go tshola puo uya setlogo. Go penta ntlo, dipheta le mokgabiso, gantsi e buiwa jaaka Matebele tota gantsi e ntshitswe ke Matebele a Ndzundza a maloba a borwa jwa Teransefala.
Ka bo1820, bopaki bo tshitshintse gore go ne go se na manno a Ndzundza a a phatlaletseng thata go ralala le Steelpoort. Phatlalalo e ya mantlo e ne e dirilwe ka ntlha ya ka karolo ya dithopo ke kgosi Mzilikazi le balatedi ba gagwe, mme gape go makoko a a lwantshang a kgotlhang morago ga loso lwa ga Kgosi Magodongo. Go tswa kwa bo1840, balemirui ba basweu (Maburu), ba ba neng ba le bafaladi mo Nagagodimong ka dipalo tse di golang, go tloga ka bo1830 ba tseneletse mo mafelong a a neng a nna Matebele a Ndzundza.
Manno a Maburu a ne a tlala magareng ga dinoka tsa Lepelle le Steelpoort, mme bogaufi ba ditoropo tse kwa itsetsepelong bogosi ba Konomtjharhelo, e e tlhomilweng ke mmusi wa nakwana wa Ndzundza Mabhoko, o bontshitse a tshwenya mo go Maburu le Ndzundza ka go tshwana.
Maiteko a Maburu a go gatelela bogosi a reteletswe. Go latela dikgotlhang tse tharo ka tatelano tse di sa atlegang, tse dingwe tsa tsona di kopanngwa le mephato ya Maswatsi le Maburu, Maburu a mangwe a tlogetse kgaolo ka go itlhoboga, fa ba bangwe ba lemogile bolaodi ba Mabhoko tota le go mo akgola. Kwa bokhutlong jwa bo1860 le bo1870, maatla a ga Ndzundza a ne a le kwa mankalakaleng mo kgaolong.
Morago ga 1877, le go tsenywa ga Teransefala kwa Borithane le go fenywa ga Bapedi ka 1879 ke Borithane, tekatekano ya maatla e fetogile go tswa mo magosing a Aforika a a ikemetseng ka nosi mo kgaolong.
Mo letlhabuleng la ntwa ya 1883 ntwa e runtse fa gare ga Maburu le lekoko le le lwantshang la ga Ndzundza ka fa tlase ga kgosi Nyabela, mme togamaano ya go dikaganyetsa le go fokotsa go ne ga diriwa ke Maburu ka fa tlase ga Boetapele ba ga Piet Joubert.
Mo dikgweding di le robedi, ba ga Nyabela le ba ga Ndzundza ba ba neng ba tlogetse manno a bona kwa Steelpoort kwa mafelong a a phatlaletseng setlhopha se se mo dikologileng aa gagwe se ne sa le dikaganyetswa kwa Konomtjharhelo.
Bopaki jwa sešeng bo tshisinya gore Ndzundza yo o neng a tlhometse sentle ba ne ba epiwa mo metseletseleng ya mafelobonno a a metseletsele a nonofaditsweng ao a phatlaletseng go ralala mo kgaolong e e bophara thata. Tshenyo ya dijalo tsa Matebele le go thopa dikgomo tsa bona di ne di le thata go senya bogosi, batho ba ne ba bolaisiwa tlala ka iketlo.
Ka kgwedi ya Phukwi Nyabela o ne a ineela mme a tlogela mošate wa gagwe nako ya bofelo, jaaka fa Maburu a a fentseng a ne a e tshuba ka fa morago ga gagwe. Maemo a a beilweng ke bafenyi mo go bafenyiwa a ne a le bothata. Nyabela le maloko a mangwe a lelapa la bogosing ba ne isiwa kgolegelong mme dinaga tsotlhe tsa ga Ndzundza di netsewa mme tsa fiwa ka ntlha ya yo o fitlhileng pele o a abelwa go Maburu ba neng ba tsere karolo mo dikaganyetsong.
Maburur a a fentseng go bonala a ne a ratiwa ka go newa tlhopho ya ntlha ya ga BaNdzundza jaaka badiri ba polase ba ba sa duelweng. Se se raya gore BaNdzundza ba ne ba phatlaletse gasiwa thata mo dikgaolong tsa borwa ba Rephaboliki ya Transefala, go akaretsa dikgaolo tsa Lydenburg, Middelburg, Standerton le Wakkerstroom.
Mo polaseng ya Kafferskraal, e seng kagkala go tswa kwa mošsateng wa bogologolo, Matebele a Ndzundza ba sthwere sekolo sa thupiso (wela) ka gakgamalo ya batlhankedi ba Maburu. Bogosi, bo bo senang lefatshe le go sa tlhole bo le teng, bo ne bo tshwara dithupiso, dingwaga di le tharo morago ga tshenyo ka botlalo ba bona.
Kgakala le go tlhola tshenyo ka botlalo ya setso sa BaNdzundza, bafaladi ba ba ngwakgolo ba nnelane ka maemo a loago le setso jaanong tse di tsewang jaaka tsa setlwaedi mo Matebeleng. Tse dingwe di ne di adimilwe go tswa mo go Bapedi ba boagisani, mme di bopile ke Matebele fa ba ne ba nna kwa dipolaseng tsa basweu.
Thupiso ya basimane ba ga Ndzundza e ne e tshwana le ya batsalani ba bona ba Bapedi eo mo go yona e neng e laolwa mo bogareng ke kgosi go na le gore e phatlaletswe go kgaoganya manno a a ratang go nna a a tlwaelegileng tsa BaNguni.
Se se ne se ganetsa ditlamorago tsa kanamiso ya Matebele mo dipolaseng tsa basweu, go letla kgosi go tsweletsa maatla a gagwe kwa ntle le sekgala se segolo magareng ga gagwe le balatedi ba gagwe. Nekgwa ya go penta ya BaNdzundza e ne e ikaegile mo mokgweng wa go nna jalo ka tlholego ya Bapedi, mme ba tlhagisa sebopego sa bona ka bo1940 fa BaNdzundza ba ba nna mo dipolaseng tsa basweu.
Translated by Lawrence Ndou