Matsopa a Dokgogo tsa Maduo-pedi

© Chris Daly

Matsopa a dikgogo tsa maduo-pedi a siametse bogwebi ba mae le ba nama. Bontsi ba tsone bo akaretswa mo setlhopeng seno, ebong Black Australorps, New Hampshire le White Leghorn.

Dikgogo tsa Australorp di dirilwe kwa Australia ka nako ya di1900s, ka tsalo ya kgethollo ya dinyonyane tse di bidiwang di Black Orpington. Ba Australia ba fetotse kgogo e e neng ele ya ditshupetso fela go nna kgogo e e tumileng mo go tsa bogwebi. Black Australorp ya ntlha e gorogile mo Afrka Borwa ka di1910s. Afrika Borwa e ikgantsha ka go senola letsopa le ka mebala e e farologaneng.

Dikgogo tse di siametse bogwebi ba nama thata, ka ga mokoko o o godileng o ka nna bokete jwa 3,9 kg go ya go 4,7 kg, fa e e namagadi e ka bona bokete jwa 3,7 kg go ya go 4,5 kg. Gatwe di kwenne thata mme ke ditswerere tsa go beela mae a mantle, ka bokgoni ba go beela mae a ka nna 250 a selekano se se kgatlhisang ka mmala wa bosetlha jwa borokwa ka ngwaga.

Kgogo ya New Hampshire di tsadisitswe ka letsopa la Rhode Island Reds mme tlhomamisitswe jaaka letsopa le le ikemetseng (independent breed) kwa amerika ka 1935. Go ya ka mokgatlho wa The South African Show Poultry Organisation, nonyane ya ntlha ya mofuta o go gorola mono Afrika Borwa e fitlhile ka 1947.

Letsopa le le ratilwe ka gore le gola ka bonako, le bona mafofa pele go nako, le gore le beela mae a magolo, a a mantle ka mmala wa borokwa (brown). Mokoko ga o godile o ka bona boima jwa 3,5 kg, fa e namagadi e ka nna 2,6 kg. Barui ba bantsi ba dumela fa letsopa le le tiile kgatlhanong le malwetse, e bile le kgona go beela mae a a ka lekanang le a a beelwang ke dikgogo tse dintsi tsa bogwebi. Kgogo ya White Leghorn ke enngwe ya dikgogo tsa gaesale, tse di itsiweng ke batho.

Di tlholega kwa Italy mme di ne di bidiwa ka leina la “Italians” go fitlha ka 1865. Morago ga fao di simolotse go bidiwa Leghorns kwa Amerika. Leghorn e e bonwang mono Afrika Borwa e tlhodilwe ka tse di neng di gorosiwa ka kwano go tswa kwa mafatsheng a tshwana le England, Denmark, Australia, New Zealand, Amerika le Germany. Dinyonane tse di ntse diruiwa mme ditokafatsiwa go tlwaela maemo a ka kwano le ditlhoko tsa teng.

White Leghorn e dirisediwa bogwebi ba mae ka tlwaelo, mme e santse e le enngwe ya dikgogo tse di tlotlomatsiwang mo indastering ya bagwebi ba mae. Mokoko o ka bona boima ba 3,5 kg ga e godile, ga e namagadi e ka bona boima ba 3 kg ka nako eo.

Translated by Ikalafeng Maedi