Malwetse a Fungi - Eutypa Dieback le Black Goo
© AS Spilmont IFV Winetech
Malwetse a Fungi - Eutypa Dieback
Eutypa dieback e bakwa ke fungus ya Eutypa lata. Ditlamorago ke go bôla ga logong le go swa ga morara kwa bokhutlhong. Letshwaô-tshwaetsegô le le golo la eutypa dieback mo tshimong ya morara ke matlhaka a noko tse khutshwane ka matlhare a ma nnye. Dikalana tsa merara e e tshwaetsegileng thata di a swa mme dingatana tsa terebe gantsi di a omelela. Fao dikalana di fapaanang teng go bonagala logong lo lo suleng. Fungus ya Eutypa e ka tsenelela merara ka go dirisa dintho tse di bulegileng tsa mosego.
Eutypa dieback e ka laolwa ka go gasa merara morago fela ga go e sega, ka go dirisa sebolaya-fungi sa khemikhale kgotsa Trichodema. Fa pula e ka simolola gona ka motsi wa tshegô, tshegô e tshwanetse go emiswa ka ntlha ya gore dintho tsa mesego di neya fungis tsela ya go tsena. Dikere tsa go sega di tshwanetse go phepafatswa pele di diriswa ka go dirisa setlhwekisi go bolaya megare. Ntsha magong otlhe a a amegileng ka gangwe mme o a fise go fokotsa seelo sa inoculums mo tshimong.
Malwetse a Fungi - Black Goo
Black Goo ke nngwe ya malwetse a fungi a le mmalwa a a leng teng mo Afrika Borwa ga jaana. Black goo, Petri disease kgotsa ‘Phokotsegô ya Morara o Mo Nnye’ mo tshimong ya morara di supa bolwetse bo le bongwe. Fungus ya endophyte e tlholega ka mo medijalông mme bolwetse bo runya fa dijalô di le ka fa tlase ga kgatelelo, sekai, morago ga nako ya jalelelô. Bo anama ka tshegô.
Ga jaana ga gona kalafi ya bolwetse jono, fela kalafo ya sera sa jalelelô le medijalô ka go dirisa metsi a a bothito pele ga jalelelô go tlhagisa dipholô tse di botoka. Bolwetse jono bo ka thibelwa ka ditsela tse di farologaneng ka go tlhoma, ka nngwe ya dilo tse dingwe, sera sa jalô se se gaisang. Medijalô le medi e me nnye ga e a tshwanela go khutshwafatswa thata ka nako ya jalô, mme mesima ya jalô e tshwanetse go nna boteng jo bo lekaneng gore medi e kgone go phatlhalala.
Translated by
Nchema Rapoo