Mafelo a a Gaisang a Temôthuo ya Ditlhapi tsa Metsi a a Foreshe

© Roger de la Harpe

Tlhopho ya lefelo le le siameng e botlhokwa thata go temôthuo ya ditshelametsing (bolemirui jwa tlhapi). Balemirui ba baša ba temôthuo ya ditshelametsing gantsi ba simolola ka karolwana ya lefatshe mme ba batle tshegetso ya matlole. Bangwe ba nna le tshegetso ya matlole a temôthuo ya ditshelametsing mme ba tlhoke go batla lefatshe le le matshwanedi. Tsela efe kgotsa efe e go simololwang ka yona, balemirui ba baša ba temôthuo ya ditshelametsing ba tlhoka go tlhopha lefelo le le siameng le le bonang metsi go ka simolola bolemirui jwa tlhapi ya metsi a a foreshe. Fa lefelo le le siameng le setse le tlhophilwe, le tlile go dira tlhagiso bonolo le ditshenyegelo motlhofo. Ntle le go tlhopha lefelo le le siameng, tema e e botlhokwa thata ke boleng jwa metsi. Dintlha tse di botlhokwa tsa boleng jwa metsi mo tlhophong ya lefelo ke:

Themphoritšhara ya metsi, dithemphoritšhara tse di kwa tlase le tse di kwa godimo mo gare ga ngwaga.
Dielô tsa Oxygen
Dielô tsa Ammonia
pH
Go bonagala ga pinagare ya metsi 

Tshekatsheko ka botlalo ya boleng jwa metsi e tlile go akaretsa go dira ditekô mo metsing go tlhola go nna teng ga dimetale tse di bokete, tse gantsi di leng kotsi go ditlhapi, go bua Henk Stander, eleng molaodi-mogolo wa botegeniki wa Aquaculture: Department of Animal Sciences at Stellenbosch University.

Ditlhokegô tsa Mafelo a Bolemirui jwa Tlhapi ya Metsi a a Foreshe

Ditlhokegô tsa kakaretso tsa lefelo-tlhagisetso le le siameng ke:

Letamo, kgotsa lefelo le le nang le ditanka tsa ditlhapi, le tshwanetse go nna gaufi le felo-thuthusetso. Seno se tlile go fokotsa nako ya tsamaiso go netefatsa fa ditlhapi tse nnye (tse di bitswang fingerlings) di rwalelwa kwa hôkông ya letloa di le mo itekanelong e ntle. 

Tshireletso e e siameng e tlile go fokotsa bogodu jwa ditlhapi le tshenyô ya dihôkô, dipompo le ditanka.

Go fitlhelela metsi sentle.
Seno se dira gore phetisetso ya ditlhapi tse nnye goya kwa dihôkông, ditankeng kgotsa letamong e nne bonolo mme se netefatsa motsamao o o babalesegileng wa difepi tsa tlhapi le didiriswa goya kwa metsing. Go tlile gape go tlhofofatsa kotulo e e babalesegileng ele ka bonako e, kwa morago, e tlileng go netefatsa boleng jo bontle jwa setlhagiswa. 

Bodirelo jwa bodiratlhapi bo tshwanetse go nna gautshwane le letamo go tshola kgokagano-tsididi (dithemphoritšhara tse di kwa tlase gotswa kwa polaseng goya kwa bodirelong mme morago kwa lebenkeleng). Go tshola dithemphoritšhara di le kwa tlase go tlile go letla kgoroso ya tlhapi e e foreshe. 

Boteng jo bo nnye jwa letamo bo tshwanetse ka keletso bo nne 8m, fela matamo a a boteng go feta a botoka. Fa dihôkô tsa letloa di akgega mo boteng jwa 5m mo metsing, go botoka go nna le phatlha e e lekaneng magareng ga matlase a matloa le botlase jwa letamo. Seno se fokotsa kagegô ya pakatelele ya maswe ka fa tlase ga dihôkô, selo se se amang boleng jwa metsi, jaaka Henk Stander a tlhalosa. 

Boteng jono bo akaretsa gape dithulaganyo tsa polase tsa matamo a a bulegileng.

Translated by Nchema Rapoo