Maêmô mo Setšhabeng sa Batswana

Dipharologanyô Tsa Bong le Bogolo

©Dr Peter Magubane

Dipharologanyô tsa bong le bogolo ke kgale ele tshwao e e botlhokwa ya maêmô mo setšhabeng sa Batswana. Pharologantsho ya bong e bontshitswe ka ditsela di le di ntsi: banna le basadi ba ne ba dula ka go kgaogana kwa dikgobakanong tsa setšhaba; le mafelong mangwe, sekai, lekgotla e ne ele la banna fela. Barwa e ne ele bona ba batliwang, mme mo mabakeng mangwe go santse go le jalo, mme mosadi yo a neng a tshola barwadi fela o ne a tlhoilwe go le gantsi.

Go ne go na le di karoganyo tsa ditiro, mme ditiro tse di rileng di ne di neelwa batho goya ka bong. Mosadi wa Motswana ke ngwana wa goya goile yo a tshwanetseng ke go nna ka fa tlase ga taolo ya batlhokomedi ba senna (rraagwe, abutiagwe kgotsa malomeagwe go fitlha a nyalwa; monna wa gagwe kgotsa rraago monnaagwe kgotsa morwarra monna wa gagwe). Basadi ba ne ba sa akaretswe mo diphuthegong tsa sepolotiki le mediro ya sedumedi. 

Bogolo le jona e ne ele motheo wa pharologantsho. Jaaka babui ba bangwe ba se-Bantu, Batswana ba ne ba tshwanelwa ke go tlotla le go obamela bao ba neng ba le bagolo mo go bona, ka go ba bitsa rra kgotsa ntate, kgotsa mme; go roba molao ono go ne go otlhaiwa. Tlotlo ya bagolo e ne atologa go feta ba losika goya go morafe otlhe.

Bana ba ne ba aroganngwa goya ka kgolo ya mmele: botsalo goya go dingwaga di le 2 (masea); 3 goya go 8 (banyana); basimane le basetsana ba dingwaga di le 9 goya go 13; le go simolola ka 14 go fitlha ba rebolelwa mophato (magwane, majafela kgotsa maphatisi).

Basimane ba maphatisi ba ne ba apara meaparo e e kgethegileng mme ba diragatse dipina le mebino kwa dikopanong tsa mophato wa bona, mme ba ne ba na le kgololosego e kgolo, segolobogolo mo ditemeng tsa thobalano. Ka paka e, ba ne ba dula nako ele ntsi kwa merakeng ba disa leruo la borraabona. Basetsana ba ne ba thusa ka go gelela metsi, go setla le go sila mmopo, go apaya, go fiela matlo, le go tlhokomela bana ba ba nnye. 

Thupiso ya Mophato

©Dr Peter Magubane

Go rebolelwa mophato go ne go tshwaya phetogelo go nna mogolo. Mophato o ne o bopiwa ke banna kgotsa basadi ba dingwaga di ka nna di le dingwe ba ba rupileng ka nako ele nngwe. Ka setso mophato o ne o tlhangwa ke kgosi ngwaga dingwe le dingwe di le nne goya go di le supa, fa basimane le basetsana ba ba dumeletsweng, ba dingwaga di le 6 goya 20, ba ne ba rupiswa mmogo.

Mophato ka metlha o ne o akaretsa leloko la lapa la segosi yo go tlaga ka motsi oo a neng a amogelwa jaaka moeteledipele. Dingwaga di le di ntsi tse di fetileng go tlhamiwa ga mophato wa banna go ne go patiwa ke mediro e e tlhamaletseng ya thupiso, e e neng e itsagale jaaka bogwera. 

Ka dingwaga tsa bo-1930, mediro ka go bonala e ne e setse e nyametse, thata thata ka ntlha ya gore baanamisa-tumelo ba Bakeresete ba ne ba e kaya fa ele sebe mme ba rotloetsa dikgosi tse di 'tlhabologileng' gore di e phuaganye le go e kganetsa. Ntlha e e bonagalang go gaisa ya bogwera e ne ele thupiso le tlhaolo ya maloko a banna a mophato o mo ntšhwa kwa lefelong le le itlhaotseng kwa sekgweng. Ka motsi wa tlhaolo ya bona, barupiswa ba ne ba itemogela maima, ba tshwaiwa goya ka tatelano ya maemo mme ba rutwa melao, setso le meetlo. Basetsana le bona ba ne ba rupiswa, ka modiro wa bojale o o neng o tshwarelwa kwa gae. O ne o akaretsa go bina, maiketsiso le mokgwa mongwe wa karo (gantsi wa go tshwaiwa ka mo gare ga dirope). Thupiso ya basadi le yona e ne e akaretsa dikotlhao tse di masisi le maima a mangwe, le tshupelelo ya semmuso ka ga ditema tsa botshelo jwa legae le jwa bolemirui, thobalano le maitshwaro malebana le banna. 

Mophato mongwe le mongwe o ne o neelwa leina ke kgosi ka motsi wa thupiso, gantsi le le amanang le tiragalo ya sešweng, jaaka dipula tse di sa tlwaelegang kgotsa komelelo. Mophato o ne o tshola leina leo goya goile. Motho o ne asa kaiwe fa ele mogolo mme o ne asa letlelelwa go nyala pele e nna leloko la mophato. Maloko a mophato a ne a dira mmogo, mme mo lobakeng lwa banna a ne a lwa mmogo, fela gape ba ne ba ntshana-se-inong mme ba lekana.

Maikutlo a bongwe le boipelo ka mophato a ne a farafere maloko: sesupo se se itshupileng sa tlotlo e ne ele go bitsa monna ka leina la mophato wa gagwe gona le go mmitsa ka la gagwe. Go ne go solofelwa gore maloko a mophato a tlhomphe mephato yotlhe e e tlhamilweng pele ga wa bona, mme kwa morago ba ka solofelwa go bontshiwa tlhompho ke babotlana ba bona. 

Ditlolo-molao tse tseno le ditema tse dingwe tse di amanang le thulaganyo ya mophato di ne di samaganelwa ke makgotla a a kgethegeileng a a eteletsweng pele ke baeteledipele ba mophato.

Tsosoloso e e Golelang Pele

©Dr Peter Magubane

Le fa ntswa go ne go na le maiteko a baanamisa-tumelo go fedisa thupiso go sale gale ka ngwagakgolo wa bo-20, go na gompieno le tsosoloso e e golelang pele mo Batswaneng, ka ge ele bangwe ba ba sa bolong go amogela gore dithuto tseno ga di kake tsa botsolotswa.

Thupiso e fetogile sesupo sa boitshupo ka mekgwa ele mebedi: batho ba ipona fa ele Batswana ka ntata ya go rupiswa ka mediro-tsamaiso ya Setswana; mme se se botlhokwa thata, go na le maikutlo a a tseneletseng go kgabaganya kontinente a gore go rupiswa ke letshwao la boitshupo jwa Seaforika, le gore bašwa ba ba retelelwang ke goya thupisong e e rileng ga se Maaforika a 'mannete'.

Mekgwa-tiriso e sela morago mekgwa e e tshwanang le e e neng e diriswa bogologolo-tala, mme ka metlha e na le dintlha tse di ntšhwa tse e di dirang mokgwa wa sešweng, go na le gore ke segologolo.

Translated by Nchema Rapoo