Lotsane lwa Bothibela-Kgotelo

© Uwe Thobae

Ga e amane le tapole ya fa gae, lotsane (Hypoxis hemerocallidea) le golaganngwa le lily mme ke sejalo se se thata se se kgonanang le komelelo, se se tlholegang mo Afrika Borwa. Lo mela mo dikgaolong tsa Afrika Borwa tse di nang le tshologo ya dipula tsa selemo, mme lo na le malomo a a serolwana se se phatsimang a sebopego sa naledi, ka matlhare a a meritshana.

Dingaka tsa setso di lo dirisitse jaaka moriana go alafa go tshaba ga tlhaloganyo, ‘madi a a leswe’ (mo bolwetseng jwa sukiri), PMS le jaaka sebolaya-bomotlhampepe. Ditiriso tse di letlelesegileng di akeretsa tiriso ya molemo wa khirimi o o tsenelelang mo letlalong go alafa matshwao a bolwetse a a golaganngwang le arthritis, psoriasis le fibromyalgia.

Gape lo na le dipoelo kgatlhanong le maletswe a letlalo a a jaaka eczema, acne, mabadi, go ša, bogwata, diso tsa bolao, dikakana, stretch marks, go fiswa ke letsatsi, melongô ya ditshenekegi le letlalo le le omeletseng.

Setswakwa se se dirang, hypoxoside, se gamolwa gotswa mo moding wa sebopego sa tšhupu. Se na le seelo se se kwa godimo sa sterol le sterolin se se ka nnang le dimelo tse di bogale tsa bothibela-kgotelo le tiiso ya masole a mmele. Mo tiragatsong e e tshwanang le ya cortisone e ka busetsa-morago go senyega ga togwa mme e fodise ditlhabi tsa mesifa.

Lo dira gape jaaka antioxidant e e maatla, e e ka nnang le ditlamorago tsa bothibela-tsofalo. Dikakanyo di kaile gape gore lotsane lo ka nna le dipoelo mo kalafong ya HIV/Aids, kankere ya bonna le TB.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.Translated by Nchema Rapoo