Letshoroma la Dikolobe

© National Pork Board, USA
Letshoroma la dikolobe la tlelasiki le Aforika ke malwetsi a dikolobe a mabedi a tshabiwang thata mo lefatsheng ka bophara. Go ya ka elwako la Ngaka Mary-Louise Penrith, History of ‘swine fever’ in Southern Africa, malwetse a tlholwa ke megare e le mebedi e e farologaneng e e tsweletsang matshwao a a tshwanang le go e dira gore go nne thata go farologanya magareng ga tsona. Ka bobedi di na le tshwaetso e e kwa godimo mme di a bolaya, di tlhodile dintsho tse di fitlha go ya ka diperesente di le lekgolo. Dikolobe tse di kgonang go fenya bolwetse di tswelela go nna tsa go tsweletsa.

Matshwao

Matshwao a se a riling gape a ka tlhakatlhakanngwa le malwetse a mangwe, ka jalo go runya go tshwanetse go netefadiwa ka diteko tsa laboratori. Bolwetse gantsi bo tlhola letshoroma le le kwa godimo le loso la ka bonako. Balemirui ka molao ba tshwanetse go bega pelaelo nngwe le nngwe ya go runya mo go ngaka ya diphologolo ya puso ya selegae kgotsa motegeniki wa boitekanelo jwa diphologolo, ba ba tla batlisisang go runya le go tsaya diteko tsa laboratori ya tshekatsheko.
Matshwao a gore kolobe e ka bo e tshwaetsegile gantsi a tlhagelela ka morago ga malatsi a le matlhano go a le robongwe morago ga go nna kotsing ya bolwetse. Matshwao a a bonalang sentle, go ya ka bukana ya Mokgatlo wa Bantshakuno ba Nama ya Kolobe mo Aforika Borwa Pigs for Profit ke:
Letshoroma le le kwa godimo le le ka tlhamang malatsi a le mmalwa pele ga matshwao ape kgotsa ape a mangwe.
Bontsi jwa dikolobe di swa ka dingwaga tsotlhe
Dikolobe di swa ka bonako, gareng ga letsatsi le le nngwe go ya go a lesome morago ga go lwala
Dikolobe ga di batle go ja
Go lapa, le dikolobe di phela di robetse fela ka dinako tsotlhe.
Ditsebe, maoto le karolo e e kwa tlase ya mpa e nna mogote, fotegola go nna khibidu go ya go perese.
Go tsholola go tswa mo matlhong le nkong, go tlhatsa, letshololo kgotsa go pipitlelwa.
Go hema ka bonako le bothata go hema.
Bokoa ba maoto a kwa morago, le bothata jwa go tsamaya.
Setlhabi mo maleng.
Dikolobe tsa ditshadi tse di dusang gantsi di ntsha mpa ka nako nngwe le nngwe ya go simolola go dusa.

Go Tlile Jang go re Dikolobe di Tshwaetswe?

Dikolobe di a tshwaetswa fa di ikgolaganya le mathe, moroto, mantle kgotsa madi a dikolobe tse di tshwaetsegileng; kgotsa fa di ka ikgolaganya le batho, didiriswa, dikoloi kgotsa diaparo tse di ka bong di tshilafaditswe ka bolwetse.
Letshoroma la Dikolobe la Aforika gape le ka nna la fitlhelelwa fa dikolobe di lomiwa ke dikgofa tse di boleta.

Kalafi

Ga go na kalafi. Meento kgatlhanong le Letshoroma la Dikolobe tsa Tlelasiki ga e ise e nne teng mo Aforika Borwa e bile ga e teng ya letshoroma la dikolobe la Aforika. Fa go runya go tlhomamisitswe, dikolobe tsotlhe tse di tshwaetsegileng le dikolobe tse di itekanetseng mo motlhapeng di nyeleditsweng mo thulaganyong e e rewang jaaka “stamping out”.
Balemirui ga ba tshwanela go dira “stamping out” ka bo bona, jaaka e batla tshekego e e siameng ya dikolobe mo mafelong a a tshwaetsegileng gammogo le go phepafadiwa sentle le polayaditwatsi ya teng. Mogare o ka kgona go phela mo mafelong dikgwedi ge di sa bolawa ka tshwanelo.
Dipolase tse di amegang le mafelo a faphelwa kwa thoko go thibela go anama ga bolwetse mo dikolobeng tse dingwe. Ga go na maemo a dikolobe di kgonang kgotsa dikuno tsa tsona go rekiswa kgotsa go letlelelwa go tswa mo lefelong leo le faphetsweng kwa thoko kgotsa motlhape mongwe le mongwe kgotsa lefelo leo go belaelwang gore go runya go diregile.

Thibelo

Dikgato tse di gagametseng tsa thibelo ya tlhago di a tlhokega go thibela metlhape go ikgolaganya le tse di kgonegang di tshwaeditswe, jaaka batho, didiriswa, dikoloi, furu, diaparo, didiriswa le dikolobe tse di lwalang. Matlakala a phaposi ya boapeelo le tshingwana a tshwanetse go apewa bonnyane ura e le nngwe go netefatsa gore ga a na le megare e, le matlakala a phaposi ya boapeelo a na fela le merogo gonne a ka nna a ikgolaganya le kolobe e tala.
Mo Aforika Borwa, go na le mafelo a taolo ya Letshoroma la Dikolobe la Aforika tse di tlhalositsweng mo Aforika Borwa kwa Limpopo, Mpumalanga, Bokone Bophirima le Kwa-Zulu Natala, mo bolwetse bo bonalang gantsi mo dikolobe tsa naga ka dinako tsotlhe. Dikarolo tse di amang o dumelelwa go thibela go anama ga bolwetse mo mafelong a a tshwaeditsweng mo nageng.
Le fa e le gore meagre e ga e ame batho, nama ya kolobe e e tshwaeditsweng ga e a tshwanela go jewa. Letshoroma la kwa godimo le go tswa madi tse di amanang le megare e di tla dira gore nama e latswege e se monate le go se siamele go ka jewa ke batho.