Letsatsi la tlwaelo mo botshelong baga moPresidente Nelson Mandela

© Eric Miller

O Tsoga ka Makuku

Mopresidente Mandela o ne a simolola letsatsi la gagwe pele go nako ya 5:30 mo mosong — ka malatsi a mangwe e ka nna pele fa fao, go laelwa ke gore o tlhoka go dira eng — O ne a ikalollela dikobo mme a tse metsotso ele 30 ya go ikatisa. Go sa kgathalesege gore o kwa motsesetoropong wa kapa kgotsa kwa Pretoria, o ne a fitlha kwa ofising ka ura ya bo7 go bona makwalo a gagwe.

O ne a ka bona makwalo a ka nna 50 le megala ya founu e ka nna 45 letsatsi le lengwe le lengwe. Le fa e ne ele gore diperesente dile 90 tsa tsone ene ele makwalo a balatedi o ne ae araba yotlhe.

Palo ee salang ya diperesente dile 10 ke makwalo a batho ba ba nang le dingongorego mabapi le seemo sa setshaba le maano a manaeo a melao ya setshaba a aneng kgotsa aa tlile go tlhomiwa.

Makwalo a mangwe ke ditaletso, dikopo tsa letshwao la monwana wa moitsege le go thusa bakwadi ba makwalo ditiro.

Makwalo a Balatedi baga Mandela

Makwalo a balatedi a ne ale tletse mofuthu le botsalano. Sekao se sengwe ke sa lekwalo le le neng le kwaletswe ofisi ya ANC kwa Shell House kwa Johannesburg — mothusi wa gagwe o bile a gana go bua leina la mokwadi kwa ntle ga gore ke lekwalo la mosadi yo a nang le leina la seAfrikanse — Email to President@ANC.org.za From: Mrs — To: The President Subject: YOU O mogolo go fetsisa!!!

Melaetsa e mengwe e ne ere: “.....di’basket tsa lerato’ “.....Oops! Ke kopa maitshwarelo ka go sa go lakaletse letsatsi le le monate la matsalo. ..” “Re lebogela tsotlhe tse o di dirileng go bona toka mo lefatsheng...” Molaetsa o mongwe go tswa kwa lelapeng la wa Seattle, Washington, kwa United State le ne ele la “ditakatso tsa matlhogonolo” go mopresidente mme la tswelela ka gore, “Re solofela gore o tla re etela ga o fitlha kwa Seattle mo leetong la gago le le latelang”.

Bontsi ba melaetsa e ne e samagane le mathata a Afrika Borwa, bogolosetona kaga dikgoka tse di bonalang mo lefatshe la rona, kgang ee nnang e tlhagella makgetlho a mantsi. Tse dingwe di ne di botsa kaga kgang ya melao ee tsitsintshweng ya go senya ga mpa(abortion) le dipotso tse dingwe tsa sepolotiki mo letsatsing leo.

Melaetsa e menwe e ka nna le aterese tse di fosagetseng, jaaka lekwalo le le neng le kgala mopresidente Mandela ka go tlhasela batho ba ba ratanang le batho ba bong ba bone. E ne ele lekwalo le le neng le kwaletswe mopresidente wa Zimbabwe Robert Mugabe, mme la fetisetswa kwa teng. Makwalo otlhe ane a arabiwa.

Dikopano, Dikitsiso le Meletlo

Ka 8am mo mosong kopano le mopresidente ene e simolola, go tla nna le dikitsiso ka di’minister kgotsa badirela puso le dipuisano tse di rileng le maloko a setshaba. Karolo ya kopano ya mo mosong ene e fela ka 12:45pm mme go bonwe dijo tsa motshegare. Gantsi bane ba ja ba ntse ba bereka.

Mopresidente one a sa rate nama ee tshibidu (le fa ele gore ga a etile kwa magaeng a Transkei kgotsa kwa mafelong a mangwe o ne a iphitlhela a fiwa nama ka dijo tsotlhe). O ne a rata go ja di’salad le maungo ebile one a sa batle dijo tse ditswang mo motemeng.

A ka nna mo dikopanong motshegare wa gagwe otlhe, ka diphuthego kgolo tsa babega dikgang kgotsa ditirelo tse di rileng, mme le bosigo a ka nna le meletlo e mengwe e a tshwanetsweng ke go itlhagisa kwa go yone. Nako ya borobalo e ka nna 9:30 kgotsa 11pm go laolwa ke ditiragalo tsa letsatsi leo.

O ne a na le matlhagatlhaga, le mofolofolo a go bereka gore a kgalemelwe ke dingaka tsa gagwe go iketla ka mosebetsi wa gagwe. Ka letsatsi le lengwwe fa a ne a dira setshwantsho sa “A day in the life of the President”, ya bagatisi ba tsa television kwa Weekly Mail, o ne a tsoga ka 5am gore a pagame sefofane go tswa kwa Umtata ka 5:30am. Fa a sena go fitlhola mo sefofaneng o bile a simolola tiro ya gagwe ya go buisa makwalo kwa Union Buildings ka 7:10am.

Ka lone letsatsi leo o bile a pagama sefofane gape go mo isa kwa Kapa gore a itlhagise kwa moletlong mongwe bosigong joo kwa Neethlingshof wine Esstate kwa Stellenbosch, mme a bowela lapeng go bona boroko kwa Houghton, Johannesburg ka 11pm. Ke lenaneo le le neng le ka imela mongwe yo motsha.

Translated by Ikalafeng Maedi

Nelson Mandela's Beginnings

Nelson Rolihlahla (Madiba) Mandela ke monna yo o gakgamatsang yo o fetotseng histori mo Afrika Borwa, mme a tlisa temokrasi kwa setšhabeng....more

Nelson Rolihlahla Mandela by Raymond Louw

Ka motsi oo, Mandela e ne e le moeteledipele wa setlhopha sa baša ba ANC ba le 60 se se neng se fedisitswe pelo ke maano a boeteledipele jw...more