Lesser Bushbaby

© Shem Compion

Dinala tsa yona tsa letsogo di potokwe jaaka tsa rona, kwa ntle ga monwana wa bobedi e e fetotsweng jaaka la kwa ya ntlwanaboithusetso. Monwana o supileng kwa pele o dirisiwa go poma sentle bowa jo bo mo molaleng le bo mo tlhogong le go phepafatsa ditsebe. Menwana ya maoto le ya matsogo e na le didikwadikwe tsa letlalo le le kima tse di e kgontshang go pagama ditlhare le go ngaparela mo ditikologong tse di boreledi.
Monwana wa tshupane ke o o mokhutshwane go fet ae mengwe mme diriswa jaaka monwa o o ngaparelang botoka mo dikaleng tse dikgolo. Mohol kgotsa Bushbaby e nnye ya Aforikaborwa, e itsege ka go nna le meno a kamo. Bobowa jwa yonake jo bo tshetlhana go ya borokwa. Le fa go le jalo, matsogo a yona a le kwa mathokong e nna le mmala o o mo serolwana. Go na le matshwao tse di fa gare ga matlho le go nna le lebala le le tshekeletsa mo leitlhong lengwe le lengwe.

Dijo

Ditshenekegi le borekgu jwa ditlhare kek diojo tsa yona, di tla tswelela go mona monyo le marothodi a metsi a pula a a tswang mo gareng ga manga a ditlhare le maje.

Pelegiso

Ka kakaretso di belega mafatlha pele ga setlha sa pula, e latelwa ke setlha sa ge ya tshegadi e fisegelwang go tlhakana ka bobedi. Pele thata ga nako ya komelelo e e latelang go belegwa mafatlha a mangwe gape. Di dusa malatsi a a 125. Ya tshadi e tlhakana le ditona tse di fitlhang borataro ka nako e e fisang teng. Ditshadi di tsaa bana ba tsona go ba fitlha sentle kwa dintlhageng fa di ya go tsoma dijo, go ba isa kgakala le kotsi ka go di tsaya ka molomo. Tse ditona di tshwaya tse ditshegadi tsa tsona ka go dirotela.

Maitsholo a Yona

Bushbaby e e nnye, e itsege kwa go baitseanape jaaka Galago Moholi, ke e nnye, e e nnang mo ditlhareng mme e sasanka bosigo. Di kgona go tlola ka mokgwa o o makatsang go tloga kwa setlhareng go ya kwa go se sengwe. Ka dinako tse dingwe di ka nna da lekola tikologa e e mo lefatsheng, fa di tsamaya ka maoto a kwa pele kgotsa fa di tlolaka ka a kwa morago kgotsa fa e dirisa a le a otlhe a mane. Kwa ntle ga tse di tona ka go tila kgotlhang le tse dingwe tse di tona, gore go nne le kagiso fa gare ga mophato go tseletsa bonno mo tikologong ya tsona, tsamaiso ya tsona ya loago mo mophatong ke e tshwanang le ya Bushbaby ya Mogatla o mokima. Gantsi tse di golo di sasanka ka bo nosi fela ditsala di a kopana bosigo di bo di bokana motshegare pele di ya go robala ka mephato ya go fitlha go thataro. Diphologolo tse di na le mefuta e 18 e farologaneng ya boikuelo, tse di ka di amana le mekgweng e e bonalang ya maitsholo.
Tseno ke bontlhabongwe jwa ditlhopha di le tharo tse di dirang loago, tse di bogale, tse dileng ka ga phemelo le boitshwaro jwa go tlhakanela. Go opela ka tlhaeletsano ke karolo ya tsona ya go ka bona mmaba. Bushbaby ga e kgone go tsamaisa matlho mo gare ga mesima ya ona, ka jalo, tlhogo e na e tlolaka fa e tsoma. Di tlhabolotswe ka go utlwa, mme diako tsa ditsebe di marara, e e kgontshang go baya motswedi wa e e utlwalang sentle thata.
Theetso ke e kgolo mo go lekaneng go utlwa fa lerubisi le itelekela. Metsamao ya tsona ke e bonako thata ke ka moo di kgonang go tshwara dirurubele le ditsie mo moweng ka dinao tsa tsona, le fa e e itshwareleditse kwa kutung ya setlhare kka maoto a kwa morago, e kgona go di tshwara kak maoto a kwa pele. Gape le yona e rata go sasanka bosigo, bushbaby e nnye thata ka ga yona, ga e rate go tlhagelela gore e bonwe pele e itlhagisa e ise e itokise pele e sasanka bosigo.

Kwa Tikologong ya yona

Mo diphologolong tsa legae yona e rata go phela kwa Disavannah, mo go nang le ditlhre tse dintsi, kwa sekgweng se se nang le noka le kwa mathokong a sekgwa. Bogolosegolo, gaufi le noka ya Limpopo magareng ga dintlha tsa dikgatlho tse di leng kwa Marico le Noka ya Notwani. Ka gonne ke phologolo ya mo Aforikaborwa, e na le kgotlelelo e e kwa godimo ya mogote.

Di Fitlhelwa kae?

Di ka fitlhelwa kwa Namibia, Botswana, Zimbabwe, Mocambique, South Africa, Teransefala le Swaziland.

Dibatana

Di tsomiwa ke marubisi a magolo, di tsewa ke dinoga, Katse ya naga, Katse ya naga ya Aforika le mofuta o mongwe wa katse e bidiwang -Genet. Matshosetsi a magolo go Bushbaby e nnye ke molelo. Diphologolo tse ga di na bokgoni jwa go tsamaya sekgala se se kgolo thata e bile e ka nna le ditlamorago tse di maswe fa molelo o ka senya tlamelo ya dijo mo dikarolong tse di tshelang mo go tsona gangwe le gape. Se se ka thusa go tlhalosa gore goreng fa di fitlhelwa mo dikarolong tsa tlhaga e khutswane e e metsi, mm eke mofuta wa tshireletso kgatlhanong le molelo.

Dintlha tse di Kgatlhisang

Merafe e me ntsi ya MaAforika e na le bonnete jo bo ka nang le dipotso ka ga katse eno- setshego, go umakanyana ga medumo e kgolo go di amanya ke mpokgwa mongwe le noga e kgolo ya tlhogo e e nang le mofofa, e e nang le mebala ya molalatladi, mme e bolaa batlhasedi ka go pa kobola mo godimo ga tlhogo go be go tswa mosima.

Bushbaby

Di-Bushbaby kgotsa Di-Galagos ya Aforika ke diphologolo tse di nnye go fitisisa mo kontinenteng, le fa e le phologotswana e e tlwaelegileng,...more