Leopard Orchid

Leina

Leopard Orchid

Leina La Se-Latin

Ansellia africana

Thanololo

Leopard Orchid ke orchid e e itshwarelelang ka dimela tse di bapileng le yona mme medi ya yona e itshetlega ka kala ya setlhare, nako di le di ntsi go le letsatsi. Dithunya tse di monkgo tse di serolwana, nako dingwe ka dikôlô tse di borokwa, di tlhoga ka Phatwe go fitlha Lwetse.

Tulo

Leopard Orchid e fitlhelwa kwa mekgophung e e bolelo e e omeletseng ya dinoka tsa Afrika Borwa kwa porofenseng ya Limpopo, le kwa nagatlaseng ya Mpumalanga le kwa KwaZulu-Natal. Go tsenelela ka Afrika e fitlhelwa kwa dikgaolong tsa tropical tsa Namibia Bokone, Botswana le Swaziland.

Dintlha Tlhagiso

Metoutwane e iphepa ka dithunya tse di monkgo monate bosigo mme medi ya semela seno e diretswe gore se kgone go tshela jaaka semela se se itshwarelelang ka tse dingwe fa se mela.
Leopard Orchid e dirisiwa jaaka moratiso le jaaka sethibedi sa ditoro tse di maswe, le kwa magaeng go koba tladi. E batliwa gape thata jaaka semela sa kgogedi mo ditshingwaneng tsa gae.