Lenaneo la Go Fepa Dipodi tsa Mašwi
© Susan Schoenian University of Maryland Extension
Pele fa o reka dipodi tsa mašwi go simolola temothuo ya podi, go botlhokwa go rulaganya lenaneo la go di fepa. Dipodi tsa mašwi di ka bewa ka fa tlase ga e e tseneletseng (mafulo a tlhago, naga) kgotsa kotlo e e tseneletseng le maemo a matlo.
Mananeo a Kotlo e e Tseneletseng ya Dipodi
Dipodi ke difodi le baji ba ditlhatsana mme ka jalo di kgona go dirisa bojang le ditlhatsana. Mo thulaganyong e e tseneletseng, bokanakang le boleng jwa mafulo a tlhago bo tlhomamisa bokana ba kumo ya mašwi a podi. Kumo ya kumo ya mašwi a dipodi mo mafulong a tlhago gantsi bo kwa tlase le go fetoga ka gale gantsi go feletse ka dinako tsa go dusa tse di khutshwane.
Mo dikgaolong tsa semorafe, dipodi gantsi di kwa ntle motshegare moo di jang ditlhatsana tsa tlhago, majang le masalela a dimela. Bosigo di ka bewa mo lesakeng moo ba ka amogelang dijo tsa tlaleletso tse di jaaka furu, motlhokwana, le dijonontshi tse dingwe.
Dipodi ma Dithulaganyong tsa Phepo e e Tseneletseng
©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Mo maemong a a tseneletseng, dopodi tsa mašwi di ka tsholwa mo mafulong a a jetsweng kgotsa mo thulaganyong ya matlo kgotsa mo dikampeng tsa botlhe. Mafulo a a jetsweng a tlhoka go nosetswa ka ge pula ya tlhago mo Aforika Borwa e sa lekana go netefatsa go thewa ga mafulo a ngwaga otlhes. Fa o dirisa dikampa tsa botlhe, dipodi di tshwanetse go sirelediwa kgatlhanong le mogote le pula.
Majelo a furu a tshwanetse go tlamelwa ka mafelo a phepo a a lekaneng go naya sebaka (0.3 - 0.5 m ka podi) go netefatsa gore dipodi tsotlhe di na le tetlelo ya go ja. Go fokotsa ditshenyegelo tsa go fepa mafulo a a tsweleditsweng mo polaseng a tshwanetse go dirisiwa mo dikotlong.
Dijonontshi tsa go Oketsa Kumo ya Mašwi
Dijonontshi di dirisiwa go oketsa boleng ba kotlo ya mafulo le go oketsa kumo ya mašwi a dipodi. Maatla le poroteine a dijonontshi ikaegile ka boleng jwa mafulo le maemo a mašwi, nako ya go dusa le dingwaga tsa dipodi. Ditlhokego tsa maatla le poroteine ke tse di kwa godimo mo tshimologong ya go dusa fa kumo ya mašwie e le kwa godimo mme ya nna kwa tlase kwa bokhutlong jwa nako ya go dusa.
Dijonontshi tse di ntshiwang ke khampani ya furu di ka kakaretso di ka ja madi a mantsi. Tlhwatlhwa e e tshwanetseng go fepiwa e ikaegile ka kumo ya mašwi a dipodi. Go fepa maemo a a kwa godimo a dijonontshi go ka nna go e seng ga tshomarelo mme gape go ka lebisa kwa mogodung o tlhakatlhakane jaaka dipodi di le diphologolo tse di dirisang mogodu mme ka jalo di tlhoka palotlase ya difuru mo dijong.
Go a kgonega go tlisa difuru tsa dijo tsed I tseneletseng jaaka (mmidi, motswedi wa poroteine, diminerale) go tlhama le go tlhakanya ditlhopha tsa gago mo polaseng. Le gale, go botlhokwa gore maetsianape wa dijo wa kitso le go nna le kitso a tlhame ditlhakanyo. Mo balemiruing ba podi ya mašwi ba bannye, gantsi ga go botlhofo go reka dijo tsa maemo a siameng go tswa go setlamong sa furu mo boemong jwa go e tlhakanya ka bowena.
Tsheko ya Mašwi mo Dipoding
Ntshokuno ya mašwi e simolola morago ga go tsala konyana, le go ya ka lotso le go tshwanelega ga maemo a dijo, nako ya go dusa e ka fitlha go tswa mo pakeng e e fetileng ya 240 go ya go matsatsi a le 300. Dipodi tsa setlogo tseo di lemaruang thata di ka nna le nako e khutswane ya tsheko ya go dusa (malatsi a 150 go ya go 180) gantsi ka ntlha ya bokoa ba lotso le tshwanelang go fepa go go kwa tlase.
Boleng jo bo siameng jwa mafulo jaaka furu ya lusene (diporoteine tse di humileng) di tshwanetse go fepiwa tsenngwa dipodi tse di dusang le go abela go ka nnang 40 - 60% ya dijo tsa letsatsi le letsatsi. Selekanyo sa dijonontshi se laolwa ke bokana ba mašwi a dipodi. Podi e e ntshang bokana ba mašwi a dipodi e ntshang ntshokuno ya dilitara tse di 4 - 5 tsa mašwi ka letsatsi e tlhoka bobotlana ba furu e leng 3 - 4 ya dikilograma. Ya eno 40 - 60% e ka nna tlhakanyo ya dijonontshi sk.1.2 go ya go 1.6 ya dikilogeramago go ya go 1.6 go go ya go 2.4 ya dikilogeramo ya podi ka letsatsi. Dipodi tsa mašwi tse di ntshangkuno ya mašwi a bokana jo bo kwa tlase ba dijonontshi.
Phepo ya Dipodi tsa Mašwi tse di sa Duseng
Dipodi tsa mašwi tseo di omeletseng kgotsa tseo di sa duseng di tlhoka boleng jo bo siameng jwa mafulo. Se e ka nna lusene kgotsa furu ya outse. Fa dipodi di bopame thata mo mokgweding ya bofelo ya boimana bokana jo bo nnye, sk. E ka nnag 0.5kg/ letsatsi ya dijonontshi di ka akarediwa mo dijong. Le fa gontse jalo, go botoka gore dipodi go fithlela gape maemo mo halofong ya bobedi ya go dusa, go na le go leka go fitlhelela se ka nako ya paka ya komelelo.
Fa go se na maatla a a lekaneng mo dijong ka nako ya mafelelo ya boimana le ka nako ya go tsala, dipolokelo tsa mafura di tla tsenngwa. Fa patlego e le kwa godimo ka ntlha ya bana ba ba mmalwa mo mpeng ya moimana, sebete se ka nna se sa kgone go phela sentle, mme podi e ka itemogela bolwetse jo bo itsegeng jaaka ketosis (“mogare wa boimana”) e e tlhokang kalafo ya bonako.
Tsweetswee ela tlhoko: Tshedimosetso e e tshwanetse thuto le tshedimosetso fela mme ga di a tshwanela go tsewa jaaka go naya kgakololo ya go fepa kgotsa ya kotlo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka go fepa diphologolo tsa gago ikgolaganye le motegeniki wa boitekanelo wa gago, ngaka ya diphologolo kgotsa moabi wa furu ya diphologolo.
Translated by
Lawrence Ndou