Lenaane-Ina la Mareo a Tsadiso ya Mmutla

© Karoline Steenekamp

Nankolô ya mareo a a diriswang mo thuong ya mmutla le tlhaloso ya lengwe le lengwe la ona ke enô.
Aggressive trait: Mokgwa o o mafega (go batla go loma kgotsa go ngapa) o o tsholwang ke batsadi go ya go bana ba bona
Bedding: Bojang, manyakgong kgotsa pampiri e e kgabetleletsweng tse di diriswang go khurumetsa bodilo jwa hôkô, kgotsa go tsenywa ka mo gare ga mabokoso a sentlhaga
Bloat: Go ruruga ga mpa go go bakwang ke phepô e e sa siamang
Breed Standards: Tlhaloso ya gore mofuta wa mmutla o tshwanetse go lebega jang. Diphologolo tsotlhe tsa lotso-nosi dina le selekanyetso sa mofuta tse di atlholwang ka sona
Bucks: Mebutla ya tona
Catch Tray: Therei e e bewang ka fa tlase ga boalô jwa megala e e kapang mmutelo le moroto
Castrate: Go ntsha thele mme ka jalo go dira tona moreba
Chop: Sefepi se se tala, lucerne le furu tse di segilweng ka bosesane
Coccidiosis: Bolwetse jwa mogare jo bo ka bolayang mebutla. Bo runya thata mo dihôkông tsa mmutla tse di sa phepafatswang sentle
Colony: Lesaka le legolo kgotsa hôkô mo mebutla e e potlana ele mmalwa e golelang mmogo mo teng
Compost heap: Kgobokanyô ya motshotelô, moalô le dijalo tsotlhe tse di tlogetsweng go ka bola gore di diriswe mo tshingwaneng ya merogo jaaka monontsha
Concentrates: Motswako wa difepi tse di lekalekaneng mme di tsenngwa mo motšhineng o o dirang pellet. Mokgwa o o siameng fela o le tlhwatlhwa-godimo wa go fepa mebutla
Consistent: Go tshwana gotlhe
Conception: Motsotso o tshegadi e imang
Cover: Lereo le le tlhalosang go gwela
Does: Mebutla ya tshegadi
Double Tier: Dihôkô tse di tlhatlagantsweng
Eragrostis: Bojang jo bo siameng thata jo bo ka omiswang go dira furu
Feed containers: Dijana le dithulaganyo tse di dirisetswang go fepa sefepi mo hôkông
Foster: Go fokotsa bana ba tshegadi e nngwe ka go ba neela tshegadi e nngwe gore e ba godise
Genetics: Bonetetshi jwa go ithuta mekgwa ya mebutla e e tsadisang
Genitals: Dirwe tsa bong
Green feed: Morogo mongwe le mongwe kgotsa bojang tse di fepang di le foreshe
Hay: Bojang jo bo omisitsweng
Hay Ricks: Thulaganyo ya mogala e e dirisetswang go tshwara furu e e fepang
Haunches: Maoto a kwa morago a mmutla
Home consumption: Go tlhabela go fepa lapa mme eseng go rekisa
Hoppers: Ditshodi tsa sefepi tse di itaolang
Hutch: Hôkô e mmutla o tsholwang mo go yona
Hutch card: Thulaganyo e e tsholang rêkhôte e e mapareditsweng mo hôkông
Immunity: Go bolokesega mo go tshwarweng ke malwetse
Import: Go tlisa sengwe go tswa kwa nageng kgotsa lefelo lesele
Indigenous: Diphologolo tse di tlholegang mo lefelong le di tshelang mo go lona
Labour intensive: Selo se se tlhokang go dirwa ka maatla gore se nne ka tshwanelo
Litter: Setlhopha sa bana ba mebutla gotswa go tshegading ele nngwe
Loins: Mosifa o o tsamayang go ya le mokwatla wa mmutla fa maoto a morago a golaganang le mmele teng
Malocclusion: Meno a a robegileng kgotsa a a senyegile
Mammary glands: Ditlhoko tse di anyisang bana
Mastitis: Tshwaetsego mo seumamašwing
Mating: Go beya tona le tshegadi mmogo gore di tsadise
Mentor: Mokaedi kgotsa morutabana
Myxomatosis: Bolwetse jo bo bolayang jo re senang jona mo Afrika Borwa
Nest box: Setshodi se tshegadi e belegelang mo go sona
Nipples: Karololwana ya thulaganyo ya seanyisi e bana ba nwang gotswa mo teng
On Heat: Tshegadi e e siametseng go tsadisa
Palatable: E na le tatsô e e monate
Partition: Searoganyi mo hôkông se se dirang lefelo le le lengwe gore e nne a mabedi

Pellets: Sefepi se se tlhakantsweng se se dirilweng gore se laolege bonolo
Predators: Diphologolo dingwe le dingwe tse di ka ratang go bolaya le go ja mebutla jaaka dintša, dikatse, dinoga, magotlo
Progeny: Bana gotswa mo phologolong e le nngwe kgotsa mo setlhopheng se le sengwe sa diphologolo
Prolific: E ka tlhagisa bana ba le ba ntsi

Roughage: Furu kgotsa sefepi se se tala se se sa bopegang jaaka pellet

Rump: Maoto le dirope tsa kwa morago

Sawdust: Lorole le mesego gotswa mo tshegong ya logong

Scruff: Letlalo le le repileng le le fa morago ga molala
Sexing of babies: Go aroganya ditona gotswa mo ditshegading ka nako ya go kgwisa lebelê
Sleek: Diphologolo tse di tiileng tse di phatsimang di itekanetse
Stock: Diphologolo tsa gago tse di tsadisang
Stockman: Motho yo o disang le go tlhaloganya leruo la gagwe
Teff: Bojang jo gantsi bo fepwang jaaka furu ya boleng jo bo kwa godimo
Territorial: Go boulelwa ka lefelo le eleng la gago
Viral Haemorrhagic Disease: Bolwetse jo bo bolayang jo bo seng teng mo Afrika Borwa
Vulva: Dirwe tsa sesadi
Water nipples: Karolo ya thulaganyo ya metsi e e itaolang e mmutla o nwang gotswa mo go yona
Weaning: Go sutisa bana gotswa mo go mmaabona

Translated by Nchema Rapoo