Komiso ya Boswakgapetla

©epSos.de

Komiso ya boswakgapetla ke mokgwa wa kwa godimo wa setegeniki wa go babalela dijo. Mo nakong ya thulaganyo e, dijo tse di boswakgapetlilweng di monolwa metsi ka fa tlase ga kgatelelo go babalela phepo ya yona. E dirisiwa ke Tsamaiso ya Setšhaba ya Lefaufau ya Baeta-Moyeng ya kwa Amerika (NASA) go baakanya dijo tsa baeta-lefaufaung fela gape di gona ka bophara kwa mabenkeleng a magolo le kwa mabenkeleng a thekiso.

Dijo tsa komiso ya boswakgapetla di busediwa metsi bonolo ka go oketsa metsi.

Komiso ya boswakgapetla e tlhamilwe ke Jacques-Arsene d’Arsonval kwa Paris ka 1906 mme kwa morago e na ya dirisiwa ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe go babalela metsi a madi. Ka bo1950 komiso ya boswakgapetla ya intasteri ya dijo e simolotse le jaanong ka bo2020, dikuno tsa komiso ya boswakgapetla di akaretsa maungo, nama le dino tsa ponyo ya leitlho gammogo le dijo tse di baakantsweng tsa bakampi, baiteka masego, masole le baeta lefaufaung.

Thulaganyo ya Komiso ya Boswakgapetla

Lereo la setegeniki la komiso ya boswakgapetla ke lyophilization.

Komiso ya boswakgapetla ke thulaganyo eo metsi (kgotsa tsela e sekegilwe) e ka dirwa legakwa mo themperetšheng e e kwa fatshe le go tlosiwa ka boswakgapetla. Boswakgapetla ke phetogo ya tlhamalalo ya metsi go tswa mo popegong ya metsi go ya go kwa go tiia (kgapetla) go ya kwa popegong ya bomoa (mouwane) kwa ntle le go gakolosa go ba seedi.

Boswakgapetla mo thulaganyong ya komiso ya boswakgapetla e ka tlhalosiwa ka dikgato tse tharo; boswakgapetla, sekgoba le go oma.

Mo kgatong ya masimololo ya thulaganyo ya komiso ya boswakgapetla, ntshokuno lwa ntlha e a boswakgapetla mo boteng ka kgatelelo ya ka gale. Go botlhokwa go boswakgapetla dijo ka bonako. Komiso ya boswakgapetla ka bonya go bopa kgapetla ya legakwa le go senya sebopego sa sele ya mo gare le go ama boleng ba ntshokuno ya bofelo go sa siama.

Kgato ya bobedi ke go bea kuno e e dirilweng boswakgapetla kwa fatshe ga sekgoba le la boraro, phso e a dirisiwa go neela kgapetla maatla go fetogela mouwaneng. Mouwane o a kgobokediwa mo maswakgapetlong a a kgethegileng. Kgato e komiso e e tlosang e ka nna 95% ya metsi mme a ka direga go tswa kwa diureng tse di mmalwa go ya mo malatsing a mabedi. Thulaganyo ya komiso ya boswakgapetla ya dithempheratšha tša di oketsegileng di tlosa dimolekule tsa metsi a sa boswakgapetliwang go tswa mo kunong.

Kgato ya bofelo ya komiso ya boswakgapetla ya dijo gantsi e akaretsa mo magareng ga 1% le 4% ya bongola. Phepo ya matlakala a komiso ya boswakgapetla e e laolwang sentle gantsi fa e amega fela e tlhola phetogo e nnye mo sebopegong sa mo gare sa dijo. Disele tse di omisiwang mo gare ga kuno jaanong se na le sebopego se se jaaka le sepontšhe seo se monang bongola ka bonako fa ntshokuno e tsengwa metsi gape.

Kwa morago ga komiso ya boswakgapetla, dintshokuno tsa dijo di phuthelwa mo dikgetsaneng tse di kgethegileng kgotsa mo metemeng e e phepafaditsweng ka gase ya naetrotšene go tlosa oksitšene.

Dijo tsa Komiso ya Boswakgapetla

Dikao tsa dijo tsa komiso ya boswakgapetla di akaretsa le nama, dinoko, mašwi a lerole, kase, mae, maungo le dino tsa ka bonako tse di jaaka dithoro tsa kofi, teye le tse di boreledi. Maungo a bopa go fitlhela karolo e kgolo (go feta 30%) ya maraka wa komiso ya boswakgapetla, fela koketsego ya dijo tse di baakantsweng di akaretsa phasta, disopo, disetšulu le diphuting.

Maungo le nama di sigiwa ka dikarolwana tse di nnye pele go dikarolo tse dikgolo tsa komiso ya boswakgapetla tsa go nna teng kgotsa tšhotlho. Nama, dijo tsa kwa lewatleng le dijo tse di baakantsweng di apewa pele di omiswa boswakgapetla mme di senka fela tlaleletso ya metsi go baakanya.

Mesola ya Komiso ya Boswakgapetla

Komiso ya boswakgapetla e babalela tatso, mmala, sebopego le ponagalo ya ntshokuno ya dijo le fa se fokotsa tshenyego ya phepo e e amang ke phiso. Dijo tse di baakantsweng ka diteko tsa dijo tse di monotsweng metsi ka mekgwa e e farologaneng yo komiso - phetolo, sekgoba, mekgwa, boswakgapetla le omisa ka go mona - le go fitlhela tatso e e botoka mo dintshokunong tse di omisiwang ka boswakgapetla. 

Dintshokuno tse di omisiwang ka boswakgapetla gantsi di a gwaša mme di na le dikabo tse di tsengwang metsi gape makgetlho a mane go ya go a thataro ya go tokafatsa (go ka monyela bongola bo bontsi) go feta dintshokuno tsa dijo tse di omisiwang ka mowa. Ke tsa phepo, le go nna le tatso e monate tse di leng bofefo – di tshwanetse metshameko se batlng go itse le go tsamaisa bonolo go dirisa mo ditshoganyetsong.

Mo godimo ga moo, komiso ya boswakgapetla e okeletsa bophelo ba šelofo ya dintshokuno tse di foreše le dijo tse di siameng go tswa kwa gare ga dikgwedi tse di 6 le mengwaga e 3 ka dikgetsana tsa polastiki tse di bonolo go feta mengwaga e 25 mo metemeng.

Tshenyegelo ke thibelo e kgolo thata ya komiso ya boswakgapetla ka ntlha ya maemo a tiriso e e kwa godimo ya maatla le tlhokomelo.

Translated by Lawrence Ndou