Alicia Mdaka, motshegetsi-nosi wa lolapa lotlhe lwa gagwe, o arogana kutlôbotlhoko le kilô ya gagwe mo go latlhegelweng ke bana le ditlogolo tsa gagwe ka ntlha ya HIV/Aids, le gore ntlo ya gagwe e bitswe ‘Ntlo ya Aids’.
Ka 1964 ke ne ke na le ngwana yo o neng a bitswa Olive. Ka 1966 yo mongwe o ne a tla – Phyllis, yo ga jaana a leng mo ngwageng wa gagwe wa bosometlhano a tshela ka HIV/Aids. Kenneth o belegwe ka 1969 mme Prudence, yo o bolailweng ke Aids, jaaka Olive, o belegwe dingwaga tse pedi morago ga fao.
Setlogolo sa me, Zizipho, o belegwe ana le HIV ka gonne mmaagwe, Prudence, o ne ana le HIV. Kwa dikhutlhwaneng baagisanyi ba me ba ne ba ntse ba bitsa ntlo ya me ‘Ntlo yo Aids’. Setlogolo sa me Juliette o ne a ba utlwa ba bua mme a mpolelela. Baagisanyi bano ba ne ba re go ditlogolo tsa me, ‘Ga re batle gore le tshameke le bana ba rona. Kwa ntlong ya lona go tletse Aids e ntsi, mme le tlile go tshwaetsa bana ba rona.’
Ke nako e batho ba neng ba itse gole go nnye ka Aids mme mongwe le mongwe o ne a e tshaba. Ga jaana, dilo di fetogile. Botlhe re itse batho ba ba tlhokafetseng, bontsi mo masikeng a rona. Mo matsatsing anô, fa leloko la lapa la me le lwala, le fa e le ka Aids, basadi gotswa kwa kerekeng ya me ba tla go mpona, ba tlisa disopo le dijo mme ba buisana le nna ka ga bolwetse. Ga go sa tlhole go na le bodutu jaaka mo malobeng.
Ga jaana re na le tshegetso. Mo dingwageng di le 15, morwadiaka Phyllis o ntse a lwa le Aids. Ka nako e telele o ne a na le bolwetse jwa mafatlha jo bo neng bo ganana le diritibatsi, mme o ne a nna kwa bookelong dikgwedi di le dintsi. Jaanong dingaka tsare TB ya gagwe e fodile, fela o na le kankere mo maleng le mo sebeteng.
Dikgwedi di se kae tse di fetile o ne a nthaya are a ka ‘se nne sebaka se se telele mo lefatsheng le’. Seno se dirile gore ke kgobege marapo.
Translated by Nchema Rapoo