Jalô ya Legapu

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô ya legapu ke gotswa mo peong. Dipeo di ka jalwa ka tlhamalalô mo mmung kgotsa matlhogela a ka dirwa mo makiding mme a jalelelwe fa matlhogela a sena go mela.

Mokgwa wa Jalô

Jala dipeo tsa legapu mo boteng jwa 30 goya go 40 mm. Seno se dirwa ka seatla kgotsa ka motšhine o o jalang. Netefatsa fa mmu o le metsi pele o jala mme o nosetse ka gangwe morago ga go jala go tsepamisa dipeo kgotsa matlhogela.

Katoganô

Dijalo tsa legapu di tshwanetse go katoganngwa ka katoganô ya 50 goya go 75 cm, mo meleng e e katoganeng ka 150 goya go 200 cm. Palo ya sejalo e farologana magareng ga dijalo di le 8 000 le di le 15 000 mo hekethareng, go ya ka mofuta wa legapu, bogolo jwa lona le tiriso ya lona e e tlhokwang.

Paka ya Kgolô

Paka ya kgolô ke magareng ga dibeke di le 12 le tse 18, go ya ka sejadi le maêmô a bosa ka paka ya kgolô. Mefuta ya magapu a mannye le a a senang dithapô e butswa ka bonako mme e tumile mo go gapeng mmaraka wa go sale gale.

Kumiso

Dithebolo tsa monontsha di tshwanetse go ka dirwa go ya ka maele a a filweng gotswa mo dipholông tsa tshekotsheko ya mmu le ditlhokegô tsa sejalo sa gago. Tshupo ya se se tlhokelwang sejalo sa legapu e fiwa fano.

Fa o lemelela sejalo-khurumetsa se se tala le motshotelo, dibeke di ka nna 5 pele o ka jala, gasaganya 350 kg ya superphosphate mo hekethareng mme o lemelele seno mo mmung o o mo 500mm e e fa godimo ka nako ele nngwe.

Ka legato la pele ga jalô, malatsi ale mmalwa pele ga jalô fa go petlekwa ga mmu ga bofelo go diragala, lemelela ka mogoma wa papetlatsheko seelo se se ka nnang 800 kg ya motswako wa 2:3:4 (27) mo hekethareng, mo mmung o o fa bogodimong jwa 20cm.

Dibekeng di ka nna tharo goya go nne morago ga jalô, fela fa dijalo di tsepame mme di gola sentle, tshela 300 goya go 400kg ya 1:0:1 (36), motswako wa Nitrogen (N) le Potassium (K), go ikala le mola wa sejalo mme o nosetse ka gangwe.

Dibeke di ka nna 3 morago ga seno, 300 goya go 400kg e nngwe ya 1:0:1 (36) e ka tshelwa go thusa ka kgolô ya leungo le go butswa. Nosetsa ka gangwe morago ga tshelô nngwe le nngwe ya monontsha.

Nosetsô

Pele o jala, nosetsa mmu sentle goya ka bogolo jwa tshimo, mme o dire seno kgapetsa gore matlhogela a maša a kgone go godisa medi ya yona ka bonako le go dirisa dikotla tse di tsentsweng pele ga jalô. Elatlhoko kgatelelô ya metsi mo mmung ka metlha ka go dirisa seatla, ka garawe kgotsa augur kgotsa selekanya-metsi sa mmu.

Nosetsô magareng ya beke le beke ke magareng ga 30 le 35 mm. Gantsi e kgaoganngwa ka bobedi kgotsa le ka boraro mo bekeng fa dijalo di ntse di gola. Fa leungo le enya mme dithulaganyo tsa medi di godile go feta, seelo sa nosetsô se ka fokotswa go nna gangwe mo bekeng mo mebung e e bokete ya serokwa.

Fa kotulo e ntse e atumela, nosetsô e tshwanetse go ka fokotswa mme mo bekeng ya bofelo pele ga kotulo e ka emiswa gotlhelele, ntle fela le fa dithemphoritšhara di le kwa godimo thata mme bongôla bo le kwa tlase.

Translated by Nchema Rapoo