Taolô-Jalo ya Legapu

© Louise Brodie

Tikolosô-Jalo

Dikolosa ka dijalo tse di matlhare le menawa go fokotsa go agega ga disenyi le malwetse. Thôbô (di-tonne mo hekethareng) E e lekaneng: 10 tonnes E e bogareng: 25 tonnes E e siameng: 50+ tonnes

Kotulo

Kotulo ya legapu e dirwa ka seatla ka gonne tshwaô-boleng le go butswa ga leungo di tshwanetse go ka sweetswa mo tshimong ke mokgetli. O seke wa goga legapu gotswa mo morareng. Dirisa thipa e e bogale kgotsa sekere sa ditlhare go kgaola kalana ya legapu ka bophepa, mme o tlogele 4cm ya kalana mo legapung go thibela ntho gore ese bole le go bodisa legapu.

Leungo le tshwanetse ebe le butswitse ka botlalo ka ntlha ya gore fa leungo le setse le kgetlilwe ga le butswetse pele. Tsela e e gaisang ya go tlhola go butswa ke ka refractometer. Tsaya disampole go ralala tshimo ya gago mme fa Brix (bosukiri) bo nna 9 goya go 10%, tshimo e tlabe e siametse gore kotulo e simolole.

Seno se go letla go tlhola mmala wa ka fa gare ga leungo le go dira diteko tsa tatso. Ditshupo tse dingwe ke go omelela ga seranki sa dikalana le matlhare a a gaufi le kalana ya leungo, go supa gore leungo le butswitse mme ga le tlhole le amogela dijo.

E nngwe ke modumo o o seng bogale fa leungo le kokotwa ka seatla sa gago. Kotulo ya tshimo ele nngwe gantsi e dirwa makgetlo ale mabedi kgotsa le ale mararo tota pele maungo otlhe a ka kgetlwa. Kotula go sale gale mo mesong mo dithemphoritšhareng tse di fodileng.

Poloko

Sutisetsa magapu kwa lefelong le le fodileng ka bonako jo bo kgonagalang morago ga kgetlô. Themphoritšhara ya poloko e tshwanetse go nna 12 °C goya go 14 °C mo bongôleng jwa 90%. Sebaka sa poloko sa mefuta ele mentsi ke dibeke di le pedi goya go tharo.

Disenyi

Aphids, Nematodes, Squash bugs, Silverleaf whitefly, Seedcorn maggot, Striped le Spotted Cucumber beetles.

Malwetse

Anthracnose, Charcoal rot, Downy mildew, Fusarium wilt, Cercospora leaf spot, Phytophthora, Powdery Mildew le Gummy stem blightTranslated by Nchema Rapoo