Histori Ya Bodirelo Jwa Mebutla Mo Afrika Borwa

©Karoline Steenekamp
Kgwebo ya ntshô-tlhagisô ya mebutla mo Afrika Borwa e simolotse fela fa morago ga Ntwa Ya Bobedi Ya Lefatshe. Mebutla e ne e le nngwe ya mefuta ya nama e e neng e le yona fela e bonwang ka motsi wa ntwa kwa Yuropa mme masole a a bowang go tswa ntweng a ne a bona go kgona-go-gola mo bokamosong ga yona. Dihoko tsa ntlha di ne di agilwe ka masenke a a neng a tlhatlagantswe ka bogodimo jwa a mararo.
Mebutla e e neng e ruiwa gantsi ne e le ya New Zealand Whites le New Zealand Reds, e e neng e tlisitswe mo nageng gotswa England ka dingwaga tsa bo-1940. Mebutla ya Californian e tlisitswe mo nageng go tswa kwa Amerika ka dingwaga tsa di-60 le ya New Zealand White e e fapaaneng le ya ntlha. Eno e ne e le bantshi ba ba botoka gona le e e tswang kwa UK, mme gompieno mo Afrika Borwa go diriswa fela New Zealand White ya kwa Amerika.
Go tswa kwa ‘Transvaal’, thuo ya mmutla e anametse kwa Natala mme dipolase tse kgolo di le mmalwa di ne tsa simololwa, mme nama ka bontsi e e neng e tlhagiswa e ne e romelwa kwa dikepeng. Ka nako e mebutla ya nama ya kgwebo ya ntlha e neng e tliswa mo nageng, Flemish Giant (mmutla o ‘montle’ mme wa sebôpegô se se sa siamelang ntshô ya nama) le Silver Fox (mmutla wa ‘tiro-pedi’) di ne tsa tliswa go tswa kwa UK le tsona, fela barui ba ba gwebang ba ne ba ipatlela fela nama mo matsitsing ao a ntlha.
Marion Keller (mokwadi wa buka ya ‘Rabbit Breeding in South Africa’ e e kwadilweng mo bogareng jwa di-70) e ne e le mongwe wa barui ba ba gwebang ba ntlha mme o simolotse polase ya gagwe kwa Johannesburg ka mebutla ya nama le Angoras.
Mo bogareng jwa dingwaga tsa di-60 Mme Keller o ne a nna le kgatlhego mo go tlhameng setlhagiswa sa bobedi – eleng mabowa a mmutla – mme a golagana le Thorer kwa Kapa, eleng baitseanape ba tshugo ya matlalo. Thorer o ne a tsaya marapo a go suga matlalo otlhe a mebutla a a neng a le teng. Moroki wa leina le gotweng Breger o ne a tsaya marapo a go roka le go loga dikobo tsa bobowa, dibaki, dihutshe le dilo dingwe tse di ntle go tswa mo matlalong a boleng jo bo kwa godimo a Rex, Fox le Beveran.
Mebutla eno ya bobowa e ntse e tliswa mo nageng ka bonya ke batsadisi ba ba farologaneng mo dingwageng tse di ntseng di feta. Letlalo lengwe le lengwe la bobowa jo bo sa siamang le ne la rekiswa kwa dipontshong tsa temô jaaka tsa Goodwood kwa Kapa, Rand Show kwa Johannesburg le Royal Show kwa Pietermaritzburg.
South African Rabbit Council e tlhamilwe ka bo 1950 kwa Johannesburg. Maikaelelo e ne e le go tshegetsa bodirelo jo bo golang jwa mebutla ka kitso, dipontsho le thekiso. Rand Show ya 1952 e ne e tsenetswe ke mebutla e le 1000 mme e atlholwa ke Marion Keller, Bill Elliot, Ronnie Watters le Mohumagadi G M Stewart yo o tlotlegang. Go fitlha gompieno, ga go ise go nne le dipontsho tse di nnileng le palo e kalo ya mebutla.
Ka maswabi dikema tsa go ikhumisa ka pele di ne tsa tsenelela bodirelo jo bo santseng bo gola, mme tsa baka ditatlhegelo tse kgolo go barui ba ba ša ba ba sa itseng sepe. Seno se ile sa isiwa magoletsa ke tsietso ka dingwaga tsa bo-1980 e mo go yona barui ba ba sa lemogeng ba neng ba rotloetswa go tsadisa ka fa tlase ga kontraka. Diketekete tsa mebutla di ne tsa tsadiswa ka nako eo mme tsa seke tsa fitlha kwa matlhabelong, ka fa gone go sena thekiso ya mebaraka e e dirilweng. Makgolokgolo a batho a ne a latlhegelwa ke diketekete tsa diranta mme bodirelo bo ne ba phutlhama gotlhelele. E ne e le batsadisi ba mebutla ya kgatliso le maloko a mekgatlho e e tsadisang mebutla e e kgethegileng ba ba falotseng.
Lefatshe la mebutla gompieno le iphitlhela le le mo seemong se se farologaneng. Batsadisi ga jaana ba tshwanetse go nna barui go falola ka ntlha ya gore matsatsi a go tlisa lerui mo nageng jaaka o batla a fedile. Afrika Borwa ka sewêlô le ka lesego ke nngwe ya dinaga di le mmalwa mo lefatsheng tse di senang malwetse a mabedi a magolo a a bolayang - myxomatosis le bolwetse jwa haemorrhagic. Ka ntlha eno, melelwana ya rona e tswaletswe go ka tlisa mebutla e e tswang ntle, ka jalo batsadisi ba tshwanetse go dira ka leruo le ba nang le lona, ba le tokafatse le go le rua sentle.
Go sa tshwane le madimabe a dingwaga tsa bo-1980, Afrika Borwa ga jaana e na le kokoanô-kgolo ya barui, ka fa tlase ga folaga ya Coniglio Rabbit Meat Farms. Setlhopha seno se na le mmaraka wa ntshetsô-ntle o o dirang sentle, mafelo a tlhabô mme gape se fa barui lenanêô la tshimololô-kgwebo le le botlhale.
Fela, go barui ba ba eletsang go itshimolela mmaraka, go na le kgônagalô ya kgolô le go iphedisa sentle go tswa mo ntshô-tlhagisong ya nama. Ka kopo netefatsa fa o dira dipatlisiso ka sengwe le sengwe se se batlegang pele o ka simolola – o netefatse gore mafelo a tlhabô le mmaraka a teng pele o ka simolola tsadiso.

Translated by Nchema Rapoo