Go Tlhopha Dipoo tse di Gaisang tsa Bolemirui jwa Tsa Mašwi

©Chris Daly
Tlhagiso ya mašwi e simolola morago ga go tsala. Go baka gore dikgomo di duse ka jalo ke nngwe ya ditiragatso tsa taolô tse di botlhokwa thata mo polaseng ya tsa mašwi. Ditlamorago tse pedi di a kgonega fa dikgomo di dusa: Santlha ke kgonagalo ya paka ya ntshô-mašwi, mme sabobedi, ke go thaya boleng jwa bosemadi jwa dikokomane.
Tsadiso mo diphologolong tsa polase ke tokafatso ya kabomo ya letsopa la motlhape, kgotsa go tokafatsa dimelo tse di rileng jaaka koketsô ya ntshô ya mašwi. Tokafatso ya bosemadi e diragala fa batsadi ba ba diragatsang botoka ba tlhophiwa. Ka ge dikgomo di bopa motlhape wa tsa mašwi, go a latedisa gore dipoo tse di dirisitsweng mo goreng dikgomo di duse di thuse go sweetsa tokafalo ya motlhape.
Tlhopho ya tona (ntate) e na le ditlamorago tsa paka-telele mo boleng jwa bosemadi jwa motlhape wa tsa mašwi. Tiragatso ya tlhagiso ya barwadi ba ditona tse di tlhophilweng gompieno e bonwa fela mo dingwageng di le nnè morago ga fao. Motlhape wa tsa mašwi wa ga jaana o na le dikgomo tse di tsetsweng dingwaga di le 3 goya go 8 tse di fetileng.
Maitlhomo a tsadiso a motlhape wa tsa mašwi a tshwanetse go totana le tokafatso ya dimelo tsa leruo le le tlhagisitsweng. Ka ge motheo wa motlhape wa tsa mašwi ele go tlhagisa mašwi, go fa tlhogo go tlhopha dipoo tse di nang le boleng jwa bosemadi jo bo kwa godimo jwa ntshô-mašwi ka ge seno se oketsa kgonagalo ya barwadi ba tlhagiso e e kwa godimo. Fela, tlhopho ya poo ka ntlha ya semelo se le sengwe, jaaka ntshô-mašwi, ga e eleletswe ka fa gona le dimelo tse dingwe tse di amang tiragatso ya kgwebisano ya dikgomo jaaka:
Dikgomo tse di tlhagisang mašwi a mantsi gotswa mo difeping tse di leng teng.
Mašwi a tshwanetse go nna le di-percentage tse di kwa godimo tsa mafura le protein.
Dikgomo di tshwanetse go nna le botshelo jwa tlhagiso jo bo telele.

Dipoo vs Kgwedisô ka Seatla

©Chris Daly
Dipolase tsa mašwi tsa kgwebo di dirisa kgwedisô ka seatla (AI) go dusisa dikgomo, fela, tirelo ya tlhagô le yona e ka diriswa.

Dipoo tsa tirelo ya tlhagô di tshwanetse go rekwa gotswa kwa batsadising ba ba itlhomileng ba ba tsayang karolo mo sekemeng sa bosetšhaba sa kgatiso ya mašwi. Sekema seno se neelana ka estimated breeding values (EBV's) tsa diphologolo tsotlhe mo motlhapeng. Breeding values di supa boleng jwa bosemadi jwa diphologolo. Tshedimosetso e e tshwanang e teng go dipoo tse di tsalelwang mo motlhapeng. O seke wa reka dipoo tse di senang tshedimosetso ya bosemadi.
Tlhwatlhwa ya phepô ya poo e ka nna R30/tsatsi (2018). Seno ga se akaretse tlhwatlhwa ya poo le ya tiro. Fa poo e diriswa mo dikgomong di le 10 ka ngwaga, tlhwatlhwa ya tsadisano e tlile go nna goya go R500 ka tirelo nngwe le nngwe.
Semen ya AI e ka rekwa gotswa mo ditlamong tsa AI tsa selegae le tsa bosetšhaba. Dibukana-kaedi tsa dipoo di tshwana le di-brochure tse di nang le tshedimosetso ele ntsi ya bosemadi ya poo nngwe le nngwe ga mmogo le tshedimosetso ka ga boleng jwa semadi jwa ntshô-mašwi le dimelo tse di tsamaisanang le mmele ya poo nngwe le nngwe.
Lethompo lengwe le lengwe la semen le diriswa mo kgwedisông ele nosi, fela magareng ga mathompo ale mabedi le ale manè a ka tlhokwa go dira gore kgomo e duse. Seno seya ka mothale le bokgoni jwa motho yo o dirang kgwedisô. Tlhwatlhwa ya mathompo e farologana gotswa go R60 goya go R275 (2017).

Go Tlhopha Poo

Mo tlhophong ya tona, go simolola, bona nankolô ya dipoo tsotlhe tse di leng teng gotswa kwa setlamong sa semen kgotsa kwa morulaganying wa semen. Ke fela palo e potlana ya dipoo tse o ka tlhophang gotswa mo go tsona, mme tlhopho ya tona e nna thata, ka jalo nankolô e tshwanetse go nna le bonnye dipoo di le 20. Nankolô enô e tshwanetse gape go nna le tlhwatlhwa ya lethompo lengwe le lengwe la semen.
Dibukana-kaedi tsa dipoo gantsi di na le index ka ‘net merit’. Net merit e kopanya dimelo tse di farologaneng di le 12 go dira palo ele nngwe.
Ditlamo dingwe tsa semen di neelana ka tirelo go barui e mo go yona dikgomo tsa morui di tlhôtlhwa goya ka sebopego sa tsona, mme morago lenaane la tsadiso le dirwe. Tshedimosetso ka ga dikgomo e tsenngwa mo poragemeng ya computer, e ka boyona e tlileng go go rotloeletsa dipoo tse di rileng goya ka dimelo tse di tlhokwang mo polaseng ya tsa mašwi e e rileng. E tlileng gape go go rotloeletsa dipoo tse di rileng go dikgomo ka gongwe. Diporageme tseno di dirisa tsadisano e e siamisitsweng go tona fa tsa dimelo tse di tsamaisanang le mmele fa ka nako ele nngwe di tona fa tsa kgotsa di tsweletsapele tlhagiso ya mašwi.
Ka bonolo seno e ka nna ya tswa ele kopano ya di EBV tsa ntshô ya mafura le protein ka go dirisa ditlhwatlhwa tsa mašwi tsa mafura le protein jaaka dintlha-kaedi. Index gape e ka atoloswa go akaretsa tlhagiso ya mašwi, seemo tsa tsadiso, botshelo jwa tlhagiso kgotsa dimelo tse di tsamaisanang le mmele jaaka bonolo.
Baya nankolô ya dipoo tsa index e e tlhophilweng goya ka maemo, go simolola kwa godimo goya kwa tlase. Tlhopha, goya ka index, dipoo tse tlhano tse di gaisang gore di diriswe mo motlhapeng.

Translated by Nchema Rapoo