Go Simolola Setlhopha sa Grandmothers Against Poverty and Aids

Alicia Mdaka o bua kgang ya go simololwa ga setlhopha sa GAPA (Grandmothers Against Poverty and Aids) le gore e amile botshelo jwa gagwe jang.

‘Mmaago O Tshwanetse go ya kwa Setlhopheng sa Tshegetso’

©Eric Miller

Modiredi-loago o morwadiaka Phyllis a neng a mmona o mo reetse ka tsatsi lengwe, ‘Tlisa mmaago fano. O tshwanetse go ya kwa setlhopheng sa tshegetso.’ Ka nako eo, Profesara Monica Ferreira le ba bangwe gotswa kwa University of Cape Town ba ne ba dira dipatlisiso tsa bona tsa thuto ka ga matshelo a bonkoko mo Afrika Borwa. Modiredi-loago o ne a mpolelela gore ke tshwanetse go golagana le bona le go tsenela setlhopha sa tshegetso se ba neng ba se rulaganya.

Seno e ne e le matsapa a bona a go thusa bonkoko jaaka poêlô ya gore ba ba bolelele tsotlhe ka ga matshelo a bona. Re simolotse setlhopha sa rona sa tshegetso kwa morago ga Michael Mapongwana Hospital kwa Khayelitsha, go bapa le seteišane sa sepodisi. Kwa tshimologong go ne go na le bonkoko ba le supa mo setlhopheng seo.

Morago ba le bararo ba ne ba tla, ka jalo re ne re le lesome. Mongwe le mongwe o ne a ntsha R10 mme re ne ra bula bukana ya polokelo ka leina GAPA, Grandmothers Against Poverty and Aids, gore re kgone go dira madi a go ithusa. Re tlhophile leina GAPA ka kelotlhôko, re akanyetsa gore mathata a rona ke afe.

Go Sweetsa Se Re Tlhokang Go Se Ithuta

©Eric Miller

Jaaka setlhopha sa tshegetso se tswelela, re ne ra simolola ditlhotshwana mo matlong a rona tse di tla kopanang gangwe ka beke, mme re ne ra simolola go ngôka bonkoko ba bangwe. Re ne re bitsa tseno ‘ditlhopha tsa maikutlô le loago’, mo re neng re utlwa le go aroganya, re reetsana le go bolelana dikgang tsa rona.

Kwa GAPA re ithutile gape ka mo HIV e dirang ka teng, le gore re dire eng fa barwa le barwadi ba rona ba bowa gotswa kwa bookelong mme ba re bolelela gore ba tshwaetsegile ka HIV. Gantsi mo mabakeng a, re kubugelwa ke kutlôbotlhoko le tšhakgalô, fela re ka se tlhole re dira jalo, ka gonne fa re le jalo ga re a siamela bana ba rona mme ga go re thuse go kgonana le mathata anô.

Re ne ra sweetsa gore re tlhoka go ithuta mo dikatisong tsa rona, gore di re thuse go kgonana le matshelo a rona a tsatsi le letsatsi. Go nnile le makgetlhô a le mantsi, fa e sale GAPA e simolola, mo e ntshotseng ke tshela le go mpha maatla a ke neng ke a tlhoka go tswelela pele ka botshelo.

Translated by Nchema Rapoo