Go Gama Dikgomo tsa Mašwi
Go Baakanyetsa Kgomo go Gamiwa
Mašwi a tlhagiswa le go bolokelwa mo theleng. A ka ntshwa mo theleng fela ka tirisano-mmogo ya kgomo. Seno seya le gore kgomo e tshotswe jang pele e gamiwa. Dikgomo di tshwanetse go ka tlhotlholetswa gore e letle mašwi go tshologa.
Tsamaiso ya tshololô-mašwi e simolola ka dikgomo fa di tliswa kwa lefelong le go gamelwang mo go lona ka medumo-kakaretso ya pele ga kgangô jaaka dikotikoti tse di gogagogwang. Seno se baka thinyô ya mothapo mo bokong go tsosa seuma sa pituitary go gololela hormone e e tshololang mašwi, oxytocin, mo mading. Oxytocin ke hormone le neurotransmitter e e nang le seabe mo tsalông le anyisông.
Fa oxytocin e fitlha kwa theleng, e baka gore disele tsa epithelial tse di dikaganyeditseng disele tsa mašwi (alveoli) mo theleng di hunyele, go pateletsa mašwi gotswa ka diphatlhana. Diphatlhana tsa mašwi, thele le ditshodi tsa thoba jaanong di tlala ka mašwi. Tshololô-mašwi e diragetse mme kgomo jaanong e ka gamiwa.
Tshololô-mašwi e kgoreletsega fa kgomo e tshogile, ele mo ditlhabing kgotsa e kwatile. Seno se bakwa ke kgololô ya hormone ya adrenaline, Seno se thibela kgololô ya oxytocin.
Go Tlhatswa le go Tlhotlholetsa Dithoba
Thele le dithoba tsa kgomo di tshwanetseng go ka phepafatswa pele go ka gamiwa go thibela kgotlhelego ya mašwi. Seno se tlile go fokotsa go bolokega ga ona mme a fetisetse pathogens (malwetse) go batho.
Tlhotlheletso ka seatla ya thele e akaretsa go tlhatswa ga dithoba le thele sebaka sa metsotswana ele 30 goya go 40, seno se dira gape jaaka tlhotlheletso e e tlileng, e e bakang dielo tse di kwa godimo tsa oxytocin mo mading. Matsopa a farologana ka tsibogo go tlhotlholetso ya thele. Dikgomo tsa Holstein (kgotsa dikgomo tse di tlhagiso e e kwa godimo) di bonolo go ka tlhotlholetswa gona le matsopa a mangwe (gongwe ka ntlha ya kgatelelô e e kwa godimo mo theleng). Dikgomo tsa mofuta wa Zebu (jaaka Brahman, Afrikaner le Nguni) ga di tlhotlholetsege bonolo ntle le fa namane e anya.
Go bona kelelô ya mašwi e e kwa godimo, go gama go tshwanetse go simolola mo metsotswaneng ele 40 goya go 60 morago ga tlhotlholetso. Tiego magareng ga tlhotlholetso le tshimologo ya kgangô e na le ditlamorago tse di sa siamang di le mmalwa mo ntshông ya mašwi. Ka ge e ka atolosa nako ya go gama, ya oketsa kgotlhano mo dintlhaneng tsa thoba mme e ka khutshwafatsa paka ya ntshô-mašwi ka ntlha ya go omelela ga go sale gale.
Dikgato-tsamaiso tsa pele ga kgangô di ka fa go latelang: dirisa metsi a a elelang go phepafatsa dithoba le dikarolo tse di fa tlase tsa thele. Morago ga fao, omisa dithoba ka go dirisa letsela la pampiri le le diriswang gangwe, gamela thoba nngwe le nngwe ka seatla mo selwaneng se se ntsho (komiki ya mastitis) go tlhola matlhôlê le go ntsha bacteria mo diphatlhaneng tsa mašwi. Matlhôlê mo mašwing ke sesupo sa mastitis kgotsa tshwaetsego ya thele. Fa go sena matlhôlê a a bonagalang, go gama go ka simolola ka tiriso ya seatla kgotsa ka go gokaganya motšhine o o gamang.
Go Gama ka Seatla vs Go Gama ka Motšhine
Go dirisa mokgwa wa go gama ka seatla, mašwi a gatelelwa gotswa mo dithobeng ka go tamola ka menwana gotswa mo thitong ya dithoba. Ka tlwaelego, mokgwa wa go goga o a diriswa. Simolola kwa thitong ya thoba mme o gogele kwa tlase goya kwa ntlhaneng ya thoba. Go fokotsa kgotlhego, tshasa dithoba ka setlotsi sa mašwi kgotsa cream ya kgamô e e nang le lanolin. Go gama ka motšhine go ntsha mašwi mo theleng ka fa tlase ga lolea ka go dirisa tsuntsunyetso. Go itaitaya ga motšhine o o gamang go etsisa tsela e namane e anyang ka teng, ke gore, go tsenya lolea mme morago go tlamporologe go letla kgatelelô ya mowa gore e itharabologele.
Fa mašwi a elela ka bonya ka motšhine wa go gama ka motšhine, kgatelelô e e yang tlase mo setlamporeding e ka tsenngwa go ntsha mašwi a bofelo mo theleng. Kgamô e weditswe fa kelelô ya mašwi e emisa kgotsa fa thele e nna boleta le go lebega e phutlhame. Morago ga kgamô, tlhatswa le go sireletsa dintlhana tsa dithoba ka go tshasa sebolayamegare sa morago ga kgamô kgotsa ka kinelô-thoba. Fepa dikgomo sefepi-nyana gore di tswelele go ema fa dintlhana tsa thoba di santse di bulegile nakwana morago ga kgamô. Seno se tla thibela bacteria e e bakang ditshwaetsego gore ese tsene mo diphatlhaneng tsa thoba.
Translated by
Nchema Rapoo