Giant Plated Lizard
Mokgantitswane wa “Giant Plated Lizard”

© Tyrone Ping

Leina

Mokgantitswane wa “Giant Plated Lizard” [Gerrhosaurus validus]

Vital Statistics

Mophato: Reptilia
Tlhomagano: Squamata
Lelapa: Gerrhosauridae
Botelele (Namagadi): 200 - 250 mm
Botelele (Tona): 200 - 250 mm

Mophato wa dibopiwa

Gerrhosaurus validus maltzahni and Gerrhosaurus validus validus

Ponalo

Mokgantitswane wa “Giant Plated Lizard” ke mokgantitswane wa mmele o mogolo, ka mmele le tlhogo e sephaphathi. Kgokgotso e bosweu jo bo silafetseng fa mmpa e le borokwa jo bosetlhana. Mmotlana wa yone o bontsho, ka ditsubaba (spots) tse di mmala wa lephutshe mo mokwatleng le methalo kwa matlhakoreng.

Phatlhalatso

Mokgantitswane wa Giant Plated Lizard o ka bonwa kwa dikgaolong tse di kwa bokone ba subcontinente.

Tsalo

E namagadi e beela mae a magolo a ka nna 2 – 5, a batlileng a nna kgolokwe. E a beela fa megobeng ya mmu le mafika. E tla dira jola fa selemo se le kwa magareng (midsummer).

Dijo

Dithunya, matlhare, mhawa (figs), le maungo a mangwe. E ka ja mekgantitswane a mennye, mme go itsewe fa e ka ja le bana ba khudu.