Foramo ya Taolô ya Tlhaselo-ruo

©Eric Miller
Batlhagisi ba leruo ba tsaya taolô ya ditlhasedi e e tsweletseng ka tlhoafalo mo ebileng National Wool Growers’ Association, Red Meat Producers’ Organisation, Mohair Growers’ Association le Wildlife Ranching South Africa di tlhomileng Predation Management Forum ka Seetebosigo wa 2009.
Go mabaka ale mantsi a a dirileng gore foramo e tlhongwe, mangwe a ona ke go lemoga gore tlhaselo-ruo ga e nne teng mo lefeleng, le gore maano le ditiragatso ka ga tlhaselo-ruo di tlhoka go lekeletswa kgatlhanong le molao wa mo Afrika Borwa, fa go ntse go lemogwa tshwanelo ya morui go sireletsa ditsagagwe, tse di jaaka leruo le diphologolo. Go na gape le tlhokego e e golang ya go netefatsa fa maano a a logelwang go samagana le go laola bothata a tsamaisana le melawana-tiriso ya bonetetshi e e utlwalang.
Maitlhomo a foramo, goya ka website ya Predation Management Forum, ke go fana ka serala sa kgokagano le tsamaiso ya ditiro tsa mekgatlho ya ditlhagiswa mo madirelong a leruo le thuo-phologolo go fokotsa ditatlhegelô tsa tlhaselo-ruo ka tiriso ya “mekgwa e e siameng e amogelesega ya kamano-tshedi le maitseo, e e sireletsang tshedisano-tshedi mo Afrika Borwa”.

Tshamagano ya Kopanelo

©Roger de la Harpe
Go bona taolô ya tlhaselo-ruo e e atlegileng, balemirui botlhe le beng ba lefatshe ba tshwanetse go dira mmogo, ka ge bothata mo polaseng ele nngwe bo tlile go fetelela le go ama dipolaseng tse dingwe kwa bofelong. Ka jalo, go nna le polase go bapa le lefelo la tshomarelo-tlhago kgotsa molemirui wa mafêlô a beke, yo a senang sepe le diphologolo tseno, ke tlhobaboroko e kgolo.
Tlhwatlhwa ya taolô e e tsweletseng ke kgwetlho e kgolo, segolo thata go balemirui ba ba potlana le ba ba fatlhogang, ka ge legora le le tlhwatlhwa-godimo thata mme balemirui ba le bantsi ga ba na dijanaga kgotsa didiriswa go ka laola diphologolo tseno ka katlego. Kwa diporofenseng tse dingwe, ka sekai, lekwalotetla le ka tlhokwa go thuntsha kgotsa go tshwara diphologolo dingwe tse di bakang tshenyô, mme fa mefuta mengwe ya diphologolo e thunywa, balemirui ba tlhoka go duela tuelo e e fetang R500 phologolo nngwe le nngwe (ka 2016).
Maêmô a a tshwanang le ano a teng go balemirui ba tshwaraganelo, mo gantsi go botswang potso ya gore ke mang yo a tshwanetseng ke go duelelela di tsereganyo tseno.

Translated by Nchema Rapoo