Morago ga go fenngwa ga bona ke Brithane, Bapedi ba ne ba latlhelwa kwa motseletseleng wa mafelo-bodulo a a beetsweng thoko. Le le mo maêmông a ntlha mo go ona e ne ele lefelo-gare la Bapedi, Sekhukhuneland. Mmogo le mafelo-bodulo a a mabapi, Sekhukhuneland e ne ya akaretswa mo nageng ya Lebowa ka dingwaga tsa bo-1960, e e neng ya kaiwa fa ele naga-legae ya Basotho ba Bokone.
Koketsego ya batho le tshenyego ya lefatshe mo mafelong-bodulo ano di dirile gore go tswelele go nna bokete go tshela ka temô fela. Banna ba pateletshegile go tlogela magae a bona goya go direla tuelo. Fela go santse go na le maikemisetso a a maatlametlo a tlhokomelo ya masimo, mme temô e dirwa ka dipaka tsa malatsi a boikhutso kgotsa, ka go oketsega, e dirwa ke balemi ba semmuso. Mokgwa o o tlwaelegileng ke gore banna ba Bapedi ba nne nako e khutshwane kwa dipolaseng tse di gautshwane, mme morago ba batle tiro kwa meepong kgotsa jaaka badiri ba gae, mme morago kwa madirelong. Bolaodi le go tsenngwa tirisong ga ditiro tsotlhe tse dingwe tsa temôthuo bo reboletswe bahumagadi ba banna ba.
Le fa ba itemogetse ditaolô tse di tswileng mo taolông mo matshelong a bona jaaka bathapiwa, banna ba Bapedi ba ganne ka bogale maiteko otlhe a tlhamalalô a a neng a leka go kgoreletsa ekonomi ya ‘gae’ - lephata la borua-kgomo le temôthuo. Malapa a tsweletse go diragatsa temô le go rua dikgomo, ese jalo go itshidisa fela ele tsela ya go bontsha maitlamo a bona a paka-telele go thulaganyo-borafe ya kwa magaeng gore ba iponele boitshireletso fa ba rola tiro. Mo sešweng, basadi ba simolotse go direla tuelo le bona. Bangwe ba dira pele ba nyalwa, mo dipakeng tse di khutshwane kwa dipolaseng. Bangwe, ka go tlhala kgotsa ka go dula ba sa nyalwa, fa e sale ka dingwaga tsa bo-1960 ba ntse ba dira jaaka badiri ba gae kwa ditoropong tsa Gauteng.
Le fa ba fentswe ka sesole ka ngwagakgolo wa bo-19, Bapedi ba tsweletse go tshola segosi ka tlotlô e e kwa godimo. Segolo thata kwa Sekhukhuneland, kwa setulo sa maloba sa kgosikgolo Mohlaletse se leng, Bapedi ba dirile maitsapo a go aga bogosi sešwa. Maitlhomo ano a ile magoletsa ka dingwaga tsa bo-1950, fa mmuso wa tlhaolele o ne o leka go dirisa dikgosi tsa selegae jaaka bagokaganyi mo thulaganyong-puso ya bona ya ‘Bolaodi jwa Bantu’.
Boganana jwa Bapedi kgatlhanong le bolaodi jwa Bantu ka motsi wa botsoga-kgatlhanong jwa Sekhukhune ka 1958 bo isitse kwa go ntshiweng mo nageng ga Morwamobe, eleng ngwanaangwana wa ga Sekhukhune ebeile ele motlhatlhami wa gagwe. Bafudugi ba tshamekile karolo e e botlhokwa mo go tsamaiseng dikakanyô tsa sepolotiki le maano a mokgatlho magareng ga toropo le metse-selegae, mme palo e e rileng ya makala a ANC e ne ya tlhongwa ka paka eno.
Le fa bangwe ba Bapedi ba iponetse bodulo jwa leruri kwa ditoropong tsa Gauteng, ba le ba ntsi ba tsweletse go nna le maitlhomo a leruri go Bopedi (lefelo la Bapedi) kwa magaeng. Dikgosi le batho-fela ba itemogetse tlhatlhamololo ya Lebowa la mmuso wa tlhaolele ga mmogo le go akaretswa ga Lebowa mo Porofenseng ya Limpopo ya Afrika Borwa e ntšhwa.
Translated by Nchema Rapoo