Ditlhagiswa tsa Tilapia le Badirisi ba Tilapia

© Walters Art Museum

Go jewa ga tilapia go a gola lefatshe ka bophara mme e rebolwa ka go anama kwa di-restaurant, lephata la marekisetso a mo dikepeng tsa maeto, kwa maokelong le kwa dikolong. E rekiswa jaaka tlhapi e e foreshe kgotsa e gatseditsweng (e feletse, e sa phetolwa) jaaka ditlhagiswa tsa phetolo e e kwa godimo tse di jaaka manathwana a a tshetsweng mafofora a parmesan le fish fingers ga mmogo le dijo tse di mo motêmêng tsa katse.
Ditswa-ditlhagisweng tse dingwe gotswa mo bodirelong jwa bolemirui jwa tilapia ke fish-meal le oli ya tlhapi. Ka ntlha ya koketsego ya temô e e feteletseng ya ditshidi tsa lewatle le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa oli ya tlhapi, tilapia e e phetotsweng e ka nna leemedi le le manontlhotlho la ditlhapi tsa lewatle tse di jaaka hake. Tilapia ke leemedi le le boleng ka tlhwatlhwa e e gaisanelegang. Oli ya Omega-3 gotswa go tilapia e dirisetswa go ungwisa senomatute sa namune mme kwa Honduras biodiesel le yona e tsewa jaaka setswa-setlhagiswa sa bolemirui jwa tilapia.

Ditlhagiswa tsa Letlalo la Tilapia

Didiriswa tsa letlalo la tilapia di fetogile bodirelo jwa fa thoko jwa temôwatle kwa Brazil. Letlalo la tilapia le ka sugwa le go tsenngwa mmala mme la diriswa mo ditlhagisweng tsa letlalo tse di jaaka mabanta, dikgwama le diaparo.
Setswa-setlhagiswa se sengwe se se botlhokwa gotswa mo bolemiruing jwa tilapia ke collagen e e kokoanngwang gotswa mo bogareng jwa matlalo a ditlhapi; Dinaga tsa kwa Europe di sutile gotswa go collagen e e tswang kwa diamusing ka ntlha ya go tshaba bolwetse jwa mad cow, goya ka pegelo ya 2008 ya University of Arizona. Gape, collagen ya tlhapi e ka diriswa mo go rulaganyeng melemô e e ntshwang goya ka nako.
Ngaka ya malwetse a diphologolo ya kwa University of California, Davis o dirisitswe matlalo a tilapia ka katlego jaaka sefapo sa botshedi go alafa dintho tsa go fisiwa mo diphologolong tse di tlhaga. Mokgwa ono o ne gape wa diriswa kwa Brazil kwa ditlabakelong tse di lekanyeditsweng di kgarameditseng dingaka go dirisa letlalo la tilapia mo go rokeng letlalo la batswasetlhabelo ba go fiswa.

Go Jewa ga Tilapia mo Afrika Borwa

Ka ntlha ya ngwao ya go jewa ga tlhapi e e lekanyeditsweng mo Afrika Borwa le badirisi ba ba sa itseng le go rutega ka ga tilapia, tlhapi eno ga ise e tume mo Afrika Borwa. Lephata le le golo la badirisi ba tilapia ke batswantle ba ba tshelang mo Afrika Borwa ga mmogo le badirisi ba maêmô a a kwa godimo ba ba tlwaetseng go ja tlhapi. Tilapia e rekiswa ke lebenkele le le golo la Woolworths.
Tlhokego ya tilapia e bontsha kgolô, segolo thata jaaka e ka tsena mo boemong jwa hake ka ntlha ya mekgwa ya nama e e tshwanang le tlhwatlhwa e e botoka.

Ntshetso-ntle ya Tilapia

Goya ka Department of Agriculture, Forestry and Fisheries (DAFF) Aquaculture Handbook 2016 Afrika Borwa e ntsheditse-ntle ditone tse di ka nnang 325 tsa tilapia tsa boleng jwa R3.5 million ka 2015. Dinaga di le tharo tse di kwa godimo tse go ntshetswang tilapia ya Afrika Borwa kwa go tsona e ne ele Botswana (196 tons), Democratic Republic of Congo (79 t) le China (22 t).
Seelo sa ntshetso-ntle tsa tilapia se oketsegile ka 323% ka ntlha ya koketsego mo diromelwa-teng le palo e e oketsegileng ya balemirui ba tilapia mo Afrika Borwa.

Translated by Nchema Rapoo