Ditiriso tsa Carob

© Keith McDuffee
Ditlhare tsa carob (Ceratonia siliqua) di tlhagisa diphotlwa tsa peo tse di letlalo tse di fetogang go nna borokwa fa di ntse di butswa. Diphotlwa di na le lemi le le tswina le dithôtsê tse potlana. Dithôtsê tsa carob di na le disukiri tsa tlhagô tse di kwa godimo, di-protein, vitamin A, B vitamins, diminerale tse di jaaka calcium, silica, iron le phosphorus mme di na le mafura a a ka fa tlase ga 1%.
Morago ga go kutula diphotlwa tse di borokwa, di a thubiwa mme dipeo di ntshiwe. Diphotlwa tse di senang sepe jaanong di a tlhatswa, di beswe (seno se robatsa di-enzyme) mme di silwe. Lorole lo lo sesane lo lo borokwa lo diriswa jaaka cocoa, fela ntle le gore go tlhokwe sukiri. Fela ka go sa tshwane le cocoa, carob ga e na caffeine, theobromine (setsosolosi se se ka bakang go opiwa ke tlhogo) kgotsa esiti ya oxalic.
Mo phetolong ya dijo, bopi jwa carob jo bo tlhakantsweng le mašwi a lorole, oli ya morogo le soy lecithin di tlhagisa setswaki sa carob se se ka diriswang mo dijong di le di ntsi.
Permaculture News e gakolola tsamaiso e e latelang go itirela lorole lwa peo ya carob kwa gae. Tlhatswa diphotlwa (serokwa) tse di butswitseng, mme o bedise metsi a a lekaneng fela go ka khurumetsa go fitlhelela go nna boleta. Go apawa go letefatsa diphotlwa mme go dire gore gonne bonolo go bula le go ntsha dipeo. Kgabelela diphotlwa go nna manathwana a le mannye, mme o di omise pele o sila go dira lorole.

Borekhu jwa Peo ya Carob

Dipeo tsa carob di na le seelo sa borekhu se se ka fitlhang go 35%, jo bo diriswang mo tlhagisong ya dikgomaretsi, ditlôtsa-letlalo, melemô, disepa, pente, enke, polish ya ditlhako, mo bodirelong jwa masela, mo pampiring ya ditshwantsho, dibolayatshenekegi le ditlhogwana tsa mokgwaro. Bo diriswa gape mo tshugong ya letlalo.
Mo tlhagisong ya latex ya rabara, locust bean gum e a tsenngwa go dira gore dikompa di kokobale mo boalông. Bo diriswa gape mo momaganya lemi ya pampiri le go kitlanya bomôtô jwa silkscreen.
Borekhu jwa peo ya carob (jo bo itsagaleng gape jaaka locust bean gum) bo diriswa ka kanamô mo madirelong a dijo jaaka sekitlanyi le setsapamisa-metswako mo dijong tse di jaaka ditlhagiswa tse di beikhilweng, ice cream, manyôrô a salate, di-sauce, salami, nama le tlhaphi tse di tsentsweng mo dikotikoting, jelly le mustard.
Diphotlwa di ka tlhafunwa jaaka semonamone, fela kwa madirelong di phetolwa go nna bopi jo bo tshwanang le cocoa jo bo ka tshelwang mo mašwing a a tsididi kgotsa a a mogote go dira sênô, bo ka tlhakanngwa le bopi jwa korong go dira senkgwe kgotsa dipanekuku mme bo diriswe gape mo difitlhilong. Bopi jo bo sesane bo diriswa mo dimonamoneng mme diphotlwa tse di sitsweng di bidisetswa mo metsing go tlhagisa syrup e kima.
Morago ga kgamolô ya borekhu gotswa mo thapong ya carob, masaledi a peo a ka dirwa bopi jwa protein e e kwa godimo (60%) jo bo senang startch le sukiri, jo bo siametseng bolwetse jwa sukiri.

Ditiriso tse Dingwe tsa Carob

Kwa Germany le Spain, dithôtsê tse di besitsweng tsa Carob, tse di senang caffeine, ke maemedi a kofi kgotsa di tswakanngwa le kofi. Digamolwa tsa thapo ya carob di ka bediswa go tlhagisa ya bojalwa.
Mo Afrika Borwa, ditlhare tsa carob di jalwa ka go anama go ikala le mebila, ditselana le maemela-janaga, ka gonne ke metalafalelaruri, di boitshoko ebile di tlhoka metsi a le mannye. Matlhare a a kitlaneng a setlhare sa carob a dira gape jaaka sekganela-modumo mme nako dingwe se jalwa jaaka sekganela-phefo fa thoko ga tshimo ya maungo.

Dipatlisiso ka Lucas Iipumbu di weditse ka gore carob e na le bokgoni jwa go nna sejalo sa boleng jo bo kwa godimo se se tlhwatlhwa mo Afrika Borwa, ka ntlha ya ditlhokegô tsa kwa madirelong tsa borekhu jwa peo ya carob.

Translated by Nchema Rapoo