Diterebe tsa Tafole

Foreshe go Jewa

©Louise Brodie

Diterebe tsa tafole di tlhagisetswa go jewa di le foreshe jaaka leungo. Seno se di tlhaola gotswa go diterebe tse di tlhagisetswang go dira senomatute sa terebe, mofeine kgotsa raisin. Setlhare sa morara se itsagale jaaka Vitis vinifera mme se tlhôlega kwa kgaolong ya Mediterranean. Temô ya terebe ya selegae e na le histori ya bogologolo, e e simolotseng sebaka se se ka etsang dingwaga di le 6 000 tse di fetileng kwa Botlhaba-Gare. 

Diterebe ke leungo, le le bopiwang ke dingatana tsa meretlwa. Dingatana tsa diterebe di tlhoga mo merareng, e e thunyang go sale gale ka dikgakologo, mme dithunya tse potlana di dulafatswa ke dinotshe ka bobedi le ka tulafatso ya phefo. Dingatana tsa diterebe di tlhoga le go gola dikgakologo tsotlhe mme di siamela kotulô go tloga kwa tshimologong ya selemo goya kwa bogareng jwa selemo. Merara ya terebe e tlhotlhorega ngwaga le ngwaga, seno se kaya gore ka letlhabula merara e latlhegelwa ke matlhare a yona mme e thunye gape ka kgolô ya matlhare e ntšhwa kwa bokhutlong jwa mariga. 

Diterebe di tlhoga mo morareng mme mo lobakeng lwa tlhagisetso-kgwebo ya terebe ya tafole, merara e jalwa go pagama trellis. Seno se dirwa gore morara o tlhatlhoge gotswa mo mmung le go letla borulêlô jwa morara go tsharologa mo godimo ga trellis go tlhofofatsa mekgwa-tiriso ya tlhagiso. Kwa ntle ga tshegetso ya trellis, merara e phatlhalala fa fatshe kgotsa e pagama mo godimo ga dikagô tse di mabapi jaaka morare. Diterebe di mediswa ka mesegô ka ntlha ya go nna teng ga malwetse mo mmung a a jaaka phylloxera, bontsi jwa merara ya terebe bo jalwa ka go bofelelwa mo matlhogeleng, mme bo bopiwa ke mefuta ele mebedi e e farologaneng. Mofuta o o batlelwang tlhagiso o golela fa godimo ga mmu fela o jalwa ka go bofelelwa le sejadi sa morara se se sa tsenelelweng ke bolwetse. 

Diterebe tsa tafole di na le mefuta e e nang le dithapo le e e senang dithapo. Gompieno mefuta e e senang dithapo ke mefuta e e rategang thata. Diterebe di farologane thata mo temeng ya mmala, bogolo le sebôpegô sa moretlwa, ga mmogo le tatsô le go siamela maemô a kgolô a kgaolo. Ditlhopha tse kgolo di le tharo tsa mmala wa terebe ke ntsho (diterebe tse di phepole goya go bontsho), khibidu (diterebe tse di crimson, hibidu le pinki) le tshweu (diterebe tse di serolwana-tala goya go botala jo bo mašwi). Diterebe ke leungo le le sa butswetseng kwa ntle ga setlhare, seno se raya gore ga di butswetse goya pele morago ga go kotulwa.

Translated by Nchema Rapoo

Tlhagiso ya Terebe ya Tafole

Naga e e tlhagisang dielo tse di kwa godimo go gaisa tsa diterebe tsa tafole ga jaana ke China, e e salwang morago ke India, Uzbekistan, Ita...more