Go Dira Madi Gotswa mo Tlhagisong ya Dikolobe - Tshimololo ya Thuô-Kolobe

©Glenneis Kriel
Gore bodirelo jwa temothuo ya dikolobe bo nne le lotseno lwa madi, barui ba tshwanetse go iponela mmaraka wa dikolobe tsa bona mme ba bale ditshenyegelo tsa tlhagiso pele ba tsena mo kgwebong.
Tlhwatlhwa ya matlole, lefatshe, lefelo la tlhagiso, phepô, badiri, melemô, go bona dikolobe, seelo sa kgolô, palo ya dikolojane tse di tsalwang ka gangwe, palo ya dikolojane tse di sa tswang go kgweswa tse di godiswang ke namagadi ka esi le palo ya dintshu, ke mabaka a magolo a a rotloetsang tlhwatlhwa ya ditshenyegelo tsa tlhagiso.

Ditshenyegelo tsa Tlhomo-Kgwebo

©Glenneis Kriel
Go simolola polase ya dikolobe kwa ntlheng kgotsa go e reka gotswa mo molemiruing o mongwe e ka nna mokgweleo o o bokete wa madi. South African Pork Producers Organisation (SAPPO) mo bukaneng-kaedi ya bona ya tlhagiso Pigs for Profit e neelana ka maele a a latelang go tshola ditshenyegelo di le kwa tlase: Balemirui ba ka simolola ka bobotlana, ka dinamagadi fela di le mmalwa, jaaka lotseno lwa fa thoko, seno se tlile go letla balemirui go ka ithuta kgwebo pele ba tsaya ditekeletso tsa madi tse di kgolo.
Go na le gore ba dire tsadiso le kgodiso mo polaseng, balemirui gape ba ka fokotsa ditshenyegelo tsa tlhomo-kgwebo le ditekeletso tsa tlhagiso ka go tsepamisa tlhaloganyo fela mo karolong e e rileng ya tlhagiso. Ba ka tsadisetsa le go godisetsa motsadisi yo o maitemogelo dikolojane, kgotsa ba di reka fa di le dibeke di le thataro goya go lesome mme ba di godise go fitlha di siamela bogolo jwa tlhabô.

Ditshenyegelo tsa Phepô

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA.
Goya ka buka ya ga Danie Visser eleng Modern Pig Production, ditshenyegelo tsa phepô di dira 70% goya go 80% ya palogotlhe ya ditshenyegelo tse di fetofetogang tsa tlhagiso mo polaseng ya kgwebo ya segompieno ya ka mo ntlong. Balemirui ba ka fokotsa ditshenyegelo tsa phepô ka go itlhagisetsa le go itswakanyetsa sefepi kgotsa ka go reka sefepi se se tlhwatlhwa-tlase gaufi le lefelo la tlhagiso la bona. Sekai, ba ka reka ditswa-setlhagisweng gotswa kwa mafelo-tshilông, kgotsa ba ka fepa dikolobe tsa bona diphotlwa gotswa mo setlhareng sa Prosopis kgotsa acorns.
Go itlhagisetsa sefepi balemirui ba tlile go tlhoka lefatshe le le lekaneng go dira jalo, mme gape ba akanyetse ditshenyegelo tsa tlhagiso ya seno, ka ge seno se ka tlhoka didiriswa tsa tlhagiso le tsa tswakanyo tse di tlhwatlhwa-godimo. Fa o tsaya sefepi gotswa kwa balemiruing kgotsa bagwebing ba bangwe, balemirui ba tlhoka gape go netefatsa fa sefepi se le phepa mme se sa tlise matshosetsi ape go itekanelo.
Go tlile gape go thusa go buisana le moitseanape wa kotlô ya diphologolo go go thusa go ka tlhama tsamaiso ya phepô goya ka ditlamelwana tse di leng teng, le go samagana le ditlhaelô-kotla tse di ka nnang teng. Dikolobe di ka se gole sentle fa di na fela le acorns kgotsa diphotlwa tsa Prosopis.

Palo ya Diphologolo tse di Rekisitsweng

©Glenneis Kriel
Lotseno lo tlile go ikaega thata mo palong ya diphologolo tse di rekisitsweng, e kwa morago e tlileng go tlhotlholetswa ke palo ya dikolojane tse di kgweswang ka gangwe, palo ya dikolojane tse di godiswang ke namagadi nngwe le nngwe, le palo ya diphologolo tse di swang pele di ka rekiswa. Palo ya dikolojane tse di tlhagiswang le go kgweswa ke namagadi nngwe le nngwe e tlile go ikaega ka letsopa la dikolobe tse di tlhagiswang, le gore aa dikolobe di fepwa sentle mmogo le maemo a tlhagiso.
Goya ka Modern Pig Production, bontsi jwa setlwaedi jwa dikolojane tse di tsalwang ka nako ele nngwe mo thulaganyong ya tlhagiso e e tseneletseng e ka nna dikolojane di le 11 goya go 12, mme batlhagisi ba ba gaisang ba godisa dikolojane tse di fetang 28 go namagadi ele esi ka ngwaga mo Afrika Borwa. Go tlhopha ditlabekelo tsa tsadiso ka kelotlhoko go ka thusa thata mo go nonotsheng palo ya dikolojane tse di tlhagiswang le go kgweswa ka nako ele esi, ga mmogo le bokete jwa dikolojane fa di tsalwa.

Translated by Nchema Rapoo