Dipoêlô le Ditiriso tsa Dithuntshwane

©Marinda Louw

Dithuntshwane di tlhwatlhwa e e namatsang le go nna boitekanelô, mme go tsenngwa ga tsona mo dijong tse di jaaka omelette le setšhuu go tlile go tsenya tatsô le boleng-kotla mo phepông. 

Mo Afrika Borwa, tsela e e tlwaelegileng thata ya go dirisa dithuntshwane ke go di apaya (di le foreshe). Dithuntshwane ka kakaretso di diriswa mo dijong tse di jaaka omelette, risotto, disopô le disosô tsa thuntshwane le go kopanngwa le nama, pasta le merogo. Dithuntshwane di ka jewa gape di le tala mo disalateng mme tsa diriswa jaaka molemô. 

Kwalô ya 'Ditlhagiswa tsa Thuntshwane' e neelana ka tshedimosetso ele mmalwa ka ga ditlhagiswa tse di golaganngwang le thuntshwane.

A Dithuntshwane di Boitekanelô

Dithuntshwane di na le fibre, protein, di-vitamin, diminerale le di-antioxidant. Di-antioxidant tse di mo dithuntshwaneng ke selenium, vitamin C, choline ga mmogo le esiti ya amino e e nang le sulfur: ergothioneine e gape e sireletsang kgatlhanong le kgatelelô ya oxidation. 

Dithuntshwane tsa konopo ke motswedi wa di-vitamin di le robedi le diminerale di le thataro. Tsona di akaretsa copper, selenium, potassium, manganese, zinc le phosphorus ga mmogo le di-vitamin B1, B2, B3, vitamin C le esiti ya pantothenic. 

Hungary, naga e e nang le tlhaelô ya selenium, e batlisisitse tsamaiso ya go humisa dithuntshwane tsa konopo ka selenium ka go tlhwekisa boalô jwa jalô (motshotelô) ka metswako ya selenium. Jaaka antioxidant, selenium e tshameka karolo mo thibelong ya dikuruga mme e fokotsa ditlamorago tsa dikalafi tsa kankere.

Dithuntshwane le Vitamin D

©Louise Brodie

Vitamin D e a tlhokega go tiisa masole a mmele mme e a tlhokega gore o nne le marapo a a itekanetseng mme e sireletsa mmele kgatlhanong le osteoporosis, kgatelelô ya madi e e kwa godimo le kgotelo. 

Le fa dithuntshwane di mela mo maemông a mo go ona go senang letsatsi ka tlhagô, e ka nna motswedi o o mosola wa Vitamin D. Dithuntshwane di na le ergosterol, sterol sa semela se se fetogelang go vitamin D fa se bewa ka fa tlase ga marang a ultraviolet. Patlisiso e e dirilweng kwa Sydney Medical School kwa Australia e fitlhetse gore fa bontlhanyana jwa 100g jwa dithuntshwane tsa konopo (tse di tala) bo tlogelwa mo letsatsing la mo gare ga motshegare sebaka sa ura, bo nna le 10 mg ya vitamin D, eleng seelô se se tshitshinngwang sa tsatsi le tsatsi sa vitamin D mo bagolong. Dithuntshwane tse di borokwa tsa portabella (kgotsa portobello) di tsaya diura di ka nna pedi go fitlhelela seelô sa vitamin D sa 10mg.

Go Ja Dithuntshwane

©Marinda Louw

Dithuntshwane di tla ka dipopegô tse di farologaneng - ka boforeshe, polokelo-motemeng, di omisitswe, di le lorole, di gatseditswe - mme go ikaegile ka mofuta, di ka jewa di le tala, di apeilwe, di metsifaditswe-gape gotswa go sebôpegô sa komelelô, mme gape di tsewa jaaka molemô ka sebôpegô sa dipilisi le dipoere.

Dithuntshwane di sadisa dikotla ka bontsi fa di apewa nako e khutshwanyane mme go fitlhetswe fa go besa kgotsa go apaya dithuntshwane ka microwave go oketsa boleng jwa bo-antioxidant fa go bapisiwa le dithuntshwane tse di gadikilweng mo paneng.

Nama le Dithuntshwane

Dithuntshwane gantsi di kopanngwa le ditswakwa tse dingwe kgotsa di tsenngwa mo dijong go oketsa umami (tatsô e e seng botshe) ya dijo. 

Go na le mokgwa-tiriso wa sešweng wa go tswakanya dithuntshwane le nama go fokotsa bo-kilojoule le go oketsa tatsô le dikotla tsa dijo tse di ikaegileng ka nama. Dipatlisiso di bontshitse fa tswakanyo ya 50:50 ya dithuntshwane le nama (nama e e sitsweng ya kgomo, nama ya kgogo, ya nku tota le ya tlhapi) e tlile go fokotsa tsewo ya mafura a a tlopelegileng le go oketsa boleng-kotla jwa dijo ntle le go latlhegelwa ke tatsô ya nama.

Dithuntshwane jaaka Molemô

©Marinda Louw

Ntle le dijo, dithuntshwane gape di diriswa mo kalafong ya malwetse a a farologaneng mme fa e sale ntse di diriswa diketekete tsa dingwaga jaaka molemô wa setso kwa Botlhaba. 

Go na le mefuta e e fetang 2 000 e e supilweng ya dithuntshwane tse di jegang le/kgotsa tsa kalafi, mme dipatlisiso di le mmalwa di a dirwa ka ga dipoêlô le mosola wa kalafi wa tsona. Se se latelang ke tlhaloso ka boripana ya tsona.

Patlisiso e e tsweletseng e supa fa mefuta e e rileng ya dithuntshwane e tshameka karolo mo thibelong ya malwetse ale mantsi a a amanang le bogodi, a a jaaka Alzheimer le Parkinson. Patlisiso e tsepamatse mo mefuteng ya thuntshwane e e tlileng go tokafatsa mogopolo le tsamaiso ya kakanyo, fela go fitlha ga jaana thuntshwane ya mogatla wa kalakune ke thuntshwane e e batlisiswang ka go tsenelela go gaisa. Bomosola jwa kalafi jo bo jaaka tiriso ya ona go alafa ditshwaetsego (tse di akaretsang HIV le herpes), go tokafatsa tiragatso ya masole a mmele mo balwetseng ba kankere ya matswele, mme dipoêlô tsa yona tsa go retibatsa letsapa le le tsayang sebaka di tsweletse go ka batlisiswa. 

Bomosola jwa kalafi jo bongwe jwa dithuntshwane ke: antioxidant, twantsho ya bolwetse jwa sukiri, twantsho ya kuruga, twantsho ya kankere, taolô ya masole a mmele le twantsho ya allergy. Dingwe tsa dithuntshwane tse di tlotlomaletswang katlego kgatlhanong le kankere ke mefuta wa Agaricus (thuntshwane e e borokwa le ya konopo), thuntshwane e e tlhaga - dithuntshwane tsa bay bolete, enoki, Lactarius (‘milkcaps’), mefuta ya lolapa la Russula ya mmala o o sedifetseng le tse di ntsi tse dingwe. 

Ga se dithuntshwane tsotlhe tse di nang le dipoêlô tse di jegang, mme kelotlhoko e kgolo e tshwanetse go ka tsewa fa go fulwa thuntshwane nngwe le nngwe e e tlhaga. Go gakololwa gore go golaganngwe le moitseanape wa thuntshwane kgotsa motlhankedi wa tsa kalafi pele o ka ja thuntshwane efe kgotsa efe e e futsweng, e katswa ele mo ditirisong tsa kapeô kgotsa tsa kalafi.

Translated by Nchema Rapoo