Diphologolo le Dimela tsa Robben Island

Tlhagô e Kgaupeditswe

©Roger de la Harpe
Setlhaketlhake se mogote o o tseneletseng ka selemo mme se tsididi thata ka mariga. Pele ga kgorogo ya batho mo setlhaketlhakeng, dimela tsa lefelo di ne ka bontsi di akaretsa ditlhaga le ditlhatshana tse di goletseng fa tlase. Ditlhare tsotlhe tse di bonwang gompieno di jadilwe ke batho mo dingwageng di le 500 tse di fetileng, mo maitekong a go dira setlhaketlhake go lebega jaaka legae.
Lengwe la mabaka a bonnye jwa dimela ke gore setlhaketlhake ga ise se nke se nne le thebolelo e e siameng ya metsi. Ga gona dinoka kgotsa melatswana, ke makadiba a le mmalwa fela a metsi a a letswatsana. Fa batho ba ne ba goroga, thebolo ya metsi e ne e ntse ele kwa tlase, mme matlo gantsi a ne a agwa ka metsi a pula a a kokoantsweng ka metomo e megolo. Ka ngwaga-kgolo wa bo 20, bodirelo jwa phepafatso ya metsi bo ne ba thewa go tokafatsa thebolelo ya metsi, fela e santse e le lefelo le le lenyora go diphologolo tse di sa kgoneng go tshela ka metsi a lewatle.
Go na le maikutlô a gore Robben Island e santse e gana go kgwabofala. Batho ba lekile go e 'tlhabolola' ka go jala ditlhare tsa dipalema (ga jaana di obegile ka ntlha ya phefo) le go jala semela se se galalelang sa bougainvillea mo ditshingwaneng tse di lorole. Fela setlhaketlhake e santse ele sengwe se okareng kgotlhô, mme gotlhe ke karolo ya bontle jwa sona jo bo makokoma.

Diphologolo tsa Naga di tletse

©Roger de la Harpe
Diphologolo tse di tlholegileng mo lefelong di ne gantsi di akaretsa diphologolo tsa lewatle, jaaka lenyibi, dinonyane tsa lewatle le diphinkwini. Dinoga dingwe le tsona di tlholega mo setlhaketlhakeng. Diphologolo tsotlhe tse ga jaana di tshelang mo setlhaketlhakeng di tlisitswe ke batho. Gompieno, ditseneledi tseno di akaretsa ditshephe tse 15, diphuduhudu tse 100, dikwalata tse 200, Bontebok di le mmalwa, phofu le bontšhwe ba le mmalwa. Go na gape le mebutla ele mentsi, magotlo le dikatse tse di tlhaga.
Setlhaketlhake se nyeuma diphologolo tsa naga. Mebutla e pepereganya mo gare ga ditlhatshana, kwalata e tsamaya ka kgololosego go ralala lefatshe le le tshegofetseng le le sa kampelelwang. Le fa o sa di bone, go na le bopaki jwa diphologolo gongwe le gongwe. Dithorwana tsa mantle di gasagane mo lebaleng la rugby mme mantle a phinkwini a ikadile le tsela, a dira makgabaganyo a phinkwini a eseng a semmuso. Dinonyane le tsona di tletsetletse, mme mefuta e e ka nnang 74 ya dinonyane, go akaretsa ditimêlêtsane, seagull le marweerwee, e tshela ka boitumelo go bapa le lôbôpo lo lo atologileng lo lo loleya.
Tse di bonagalang thata, fela, ke diphinkwini tsa Afrika. Di kgobakana go ikala le lôbôpo, gaufi le boemela-kepe, mme di ya kwa di ratang teng. Mongwe wa baagi ba kgale yo o dutseng kwa setlhaketlhakeng dingwaga tse di fetang 20 o bua gore, mo malatsing a maloba, diphinkwini di ne di sa telle thata ka gonne di ne di itse fa di ka felela mo pitseng ya motlhokomedi wa kgolegelo yo o tshwerweng ke tlala. Ga jaana, di thopa setlhaketlhake, mme go fopholetswa fa palo e e ka nnang 13 000 ya diphologotswana tseno di dula fao.

Translated by Nchema Rapoo