Dintshakuno tsa Dinotshe tse di Jaaka Melemov

© Ruffiana

Apitherapy ke tiriso ya dintsha kuno notshe tsa kalafi le thibelo ya malwetse. Go ya ka Mokgatlha wa Apitherapy wa Amerika, dinatha kuno tse di amanang le dinotshe di akaretsa tswine ya dinotshe, mmudula, propolis, jeli ya bogosi le mogare wa notshe.

Mmudula jaaka Tlaleletso mo Bathong

Tiriso ya mmudula jaaka tlaleletso ya boitekanelo jwa batho le ngwao ya kalafi ke ya mo kganetsong. Mmudula wa dinotshe o o leng teng kwa bobolokelong jwa dijo tsa boitekanelo e kokoanywa ke moruanotshe ka serai sa mmudula. Se se fala mmudula go o tlosa mo maotong a dinotshe jaaka ge notshe e tsena mo motshitshing. Ka jalo, go fokotsa mmudula o o leng teng wa dinotshe go fepa tse dinnye tsa bone.
Patlisiso e nnye e e dirilweng go ya ka boleng jwa dikotla tsa mmudula o o mo tala go ka dirisiwa mo dijong/kotlo tsa batho, mme e mmudula o dirisiwa ka go anama mo dithotong tsa kalafi tse di jaaka thibela thurugo le thibela kankere (kwa laboratoring) di supile mmudula go nna le tiro ya baketheria le go tokafatsa twantsho ya phetetso
United States Food and Drug Administration (FDA) e ne ya tlhalosa gore ‘mmudula ga se motswedi o o nonneng that wa poroteine o o itseweng ke saense. Karolo e kgolo ya mmudula ke dikhabohaetereite (go feta 60%), e seng poroteine- e farologana go ya ka motswedi wa mmudula.’
Maemo a kotlo ya mmudula go le gantsi a sekasekwa ka diteng tsa poroteine ya yone le amino esiti e e leng botlhokwa. Mefuta e mengwe ya mmudula e ka nna kotla e e kwa godimo thata, fa tse dingwe di le kwa tlase. Lefelo la Apis la Metswedi ya Tshedimosetso la re fa e bapiswa le ditlaleletso jaaka dibithamine/dipilisi tsa diminerale, mmudula o na le maemo a a kwa tlase thata a dikotlonnye go feta ditlaleletsi… (mme) ga o a tshwanela go fetola phepo e e siameng le ditiro tsa pholo.
Bokgoni jwa go tshwetsa mmudula ka ditshipi tse di bokete kgotsa dibolayasenyi e ka nna ntlha e nngwe e e tshwenyang badirisi ba batho ba mmudula le dintsha kuno tse di amanang le mmudula.

Borotho ba Dinotshe jaaka Tlaleletso ya Batho

Borotho ba dinotshe bo tlhamilwe ke dinotshe ka go dirisa mmudula, botshe, dithugisi tsa tshilodijo le Tswine ya dinotshe. Motswako ka jalo o a tswalwa ka mo seleng e e titietsweng. Tiragalo ya go titiela e kgaogantsha diporoteine le disetatšhe go dira dibithamine tse di leng gone ka tlhago. Kwa bofelong ‘borotho ba dinotshe’ bo fepiwa dibokwana le dinotshe tse di nnye jaaka sejo se se nang le poroteine e e nonneng. Borotho ba dinotshe bo na le diteng tsa kotlo e e farologaneng (e e tokafaditsweng) fa go bapisiwa le mmudula o o motala mme bo silwa botoka ke mmele wa motho.

Boka ba Dinotshe jaaka Melemo

©Frank Mikley
Ka 400 Pele ga Kereste Hippocrates, ngaka ya Segerika ya bogologolo, o tlhomamisitse mesola ya boka ba dinotshe go alafa malwetse a letlalo. Boka ba dinotshe bo dirisiwa go le gontsi thata mo karolong ya melemo ya segompieno. E tshetswe ka boemo jwa dikale ke dinotshe tsa badiri tsa bašwa, boka ya dinotshe e dirisiwa mo dikhupetsong tsa melemo gape e dirisitswe, sekao, mo ditlolong tsa letlalo, disepa, mo disireletsa tsebeng ka ntlha ya modumo, ma ngakend ya meno le go mo merokong ya dintho go laola go tswa madi mo nakong ya karo.

Jeli ya Bogosi - Bokgoni jwa Fad?

Jeli ya bogosi ke e bosweu ya go tshwana le kgomaretsa ya go ntshiwa ke ‘dikgeleswa tsa molomo’ tsa dinotshe tsa badiri mme e fepiwa dibokwana le kgosigadi ya dinotshe.
Tiriso e kgolo thata ya tiriso ya jeli ya bogosi ke o ditlolo fela e dirisiwa gape jaaka tlaleletso ya kotlo. Jeli ya bogosi e ka rekisiwa e le foreše, e tswakilwe le dilo tse dingwe jaaka yokathe kgotsa e ka omisiwa ya tsidifatswa.
E na le monko o o bokete, tatso ya go galaka le tlhomamo ya kgomaretsi e e metsinyana. Go ikaegilwe ka nako e telele le monono wa kgosigadi ya dinotshe, kakanyo e setse e dirilwe gore jeli ya bogosi e ka nna le dithoto tsa mosola mo bathong. Kgopolo e e ka, le fa go na le tse dipatlisiso tse dintsi, e se netefadiwe.
Dipatlisiso di le dintsi tsa ditlamorago tsa jeli ya bogosi mo bathong di dirilwe, bogolosegolo kwa Yuropa Botlhaba, mme dipatlisiso tse di ntsi di na le mathata a go sekaseka boleng jwa dipholo tsa saense.
Le fa go le jalo, patlisiso ya Sejapane e bontshitse tokafatso ya itshokelano ya sukiri ya tlhago le boitekanelo ba tlhaloganyo le koketsego mo tsweletsong ya disele tse di khibidu. Mo dipatlisisong tsa kwa laborathoring go fitlhetswe gore jeli ya bogosi e na tiro ya twantshii ay bolwetsi fela se se fokotswa ke go bolokwa go go sa lolamang kgotsa gwa nako e telele thata.

Propolis jaaka Molemo

©Onésime
Propolis ke ‘sekgomaretsi sa dinotshe’ se se dirilweng ke dinotshe go tswa mo diresin tsa ditlhareng mme e dirisiwa mo gareng ga motshitshi go dira ka fa gare ga motshitshi go nne boreledi, go thiba manga le go opafatsa. E itsege gape jaaka 'penicillin ya kwa Rašia', propolis e dirisiwa kwa dinageng di le dintsi mo ditwantshi di sa fitlhelelweng gotlhe. E na le thibela tshipi, thibe baketheria, thibela tshwaetso, thibela fankase, thibela tlhagala le thibelathurugo, le tse dingwe. E dirisiwa go thibela tshwaetso ya dintho, go fodisa dintho tsa molomo le diso tsa marinini, go ntšhwafatsa mahiriri, go fokotsa go ruruga mo teng ga ditshika le go alafa dintho, go ya ka dipatlisiso tsa Se-Poland le Jeremane. Propolis e dirisiwa gape go fodisa diso tsa malao gammogo le dikhemikale, bollo le phasalalo e fisang.

Botlhole ba Dinotshe jaaka Thibela Thurugo

Botlhole jwa dinotshe tsa tswine bo na le tatso e e tlhapileng uya go go galaka, ke seedi sa tlhokammala se se nang le motswako wa ya diporoteine se se tlholang thurugo ya selegae le go dira jaaka setlhatswa madi.
E dirisitswe mo dingwagakgolong, segolobogolo e ne e ratiwa kwa China le Yuropa Botlhaba gompieno fa e dirisiwang segolo go diriswa mo bolwetseng jo bo sa foleng. E ka nna ya dirisiwa jaaka go tlhabelwa kgotsa jaaka setlolo go fokotsa malwetse a thurugo a a farologaneng jaaka malokololo, le sclerosis tse di farologaneng (MS), botlhoko jwa mokwatla kwa tlase le mo sejabaneng.
Botlhole jwa dinotshe bo ntshiwa ka molelo wa motlakase ka go lokela mesh mo motshitshing. Se se tlhakatlhakanya dinotshe, go di dira gore di tlhabe mesh, go tswa moo botlhole bo a tsewa. Dinotshe ga di gobadiwe mo tiragalong eno.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Lawrence Ndou